Breaking News

Tsholofelo ga e tlhabise ditlhong

05 Nov 2026

Tautona Advocate Duma Boko o tlaa rolela setshaba pego ya botsogo jwa setshaba, mme jaaka tlwaelo, Batswana ba tlaabo ba reeditse ka tsoo pedi go utlwa diphetogo tse Tautona a tlaa di bayang setshaba pele. Mmega dikgang wa BOPA, Lindi Morwaeng, o ne a buisana le Batswana, go utlwa ditsholefelo tsa bone.

Mme Pelonomi Seleka

Keletso yame ke gore Tautona a bue ka ditsha tsa bonno ka gore, ditsha tse di fiwang batho di dinnye.

Go ya ka nna ke segotlo, ka gore motho o ka eletsa go aga ntlo e a e batlang mme a seke a kgona go dira jalo.

Keletso yame e nngwe ke gore fa motho a kopile ditsha tsa bonno mo mafelong a selegae a le mabedi, a di fiwe ka gore go tlaa tswa fela gore e ne o batla go nna kae.

Ke buisiwa se ke gore batho ba bangwe ba na le dipolase tse ditona e bile ba segile ditsha tsa bonno di le dintsintsi mo go tsone.

Mme Joyce Mmudi

Nna mo tekodisong ya setshaba ya ga Tautona, ke solofetse gore a bue ka bagodi ba ba dingwaga tse di masome a marataro le go fetsa ka gore, o ne a solofeditse fa a tsena mo pusong gore le rona re ka amogela madi a bagodi jaanong, ke solofetse gore a re bolelele gore o tsamaya fa kae ka mogopolo wa teng.

Rre Simon Mogale

Ke eletsa gore Tautona a bue ka go thusa borre gore lentswe la bone le utlwale mabapi le kgodiso ya bana e le batsadi ka bobedi go sena kgethololo.

O tlaa fitlhela go buiwa thata ka kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana go tlogelwa kwa morago ngwana wa mosimane gammogo le rre mme, kgodiso ke ya bobedi, ga se ya motho a le mongwefela.

Go aga lelwapa ke selo se se botlhokwa go agiwa ke bobedi e seng bongwe.

Sa bobedi, ke eletsa gore Tautona, a rotloetse borre go kopana go buisana ka mathata a ba nang nao segolo bogolo ba rotloediwe gore ba eme ka dinao mo mekgatlhong e borre ba e tsenelelang, ba ye go reetsa le go arogana megopolo le go tsaya dikgakololo mo go borre ba bangwe gore ba kgone ba age Botswana ka gore, borre ke bone ditlhogo tsa malwapa.

Ntlha e nngwe ke ne ke kopa gore Tautona a tsenye thata leitlho mo botlhoka tsebeng jwa bana ba dikole ka gore Tautona ke motho o buang thata gore bana ga ba a tshwanela go itewa.

A dikgang tsa mofuta o di tsibogelwe.

Bana ba dikole ba a tlhaselana, ba dirisa dilo tse di borai jaka dithipa, bogolo jang fa dikole di tswalwa.

Dikgang tse di tlhoka go emelwa ka dinao, ke borara, magosi, makhanselara, barutabana le batsadi.

Rre Kebonyemodisa Watota

Ke eletsa gore Tautona ka Mosupologo fa a buisa setshaba a bue ka go tsosolosa le go kabakanya itsholelo jaaka lefatshe le itshegeditse thata ka ditswammung le go tla ka mananeo a go bona gore itsholelo e gola ka tsela e e ntseng jang, bogolo jang re itebagantse le mehama ya temo thuo le bojanala.

Ke kopa gape gore Tautona a itebaganye le letlhoko la ditiro le maiteko a go thusa banana mo dikgwetlhong tse di ba emeng pele, go nne le thulaganyo e e siameng, e e supang sentle gore lefatshe le ya kae le yone methale ya gore banana ba itlhamele ditiro, ke dingwe tsa dikgang tse re solofelang gore Tautona a bue ka tsone.

Re solofela gape gore Tautona a ame botsogo le dituelo tsa bodirelapuso, seemo sa bodiredi, go tsholediwa maemo a bodirelapuso, go nna mo sekaleng se sengwehela sa madi le letlhoko la bodiredi mo lefatsheng, ka di na le seabe se se tona mo dikgannyeng tsa go rotloetsa bodiredi gore bo ntshe maduo a a kgotsofatsang.

Mme gape ke eletsa gore Tautona a bue ka dikgang tsa botsogo ka di apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba.

Seemo sa melemo gore se fa kae le gore mo dikgannyeng tsa mogare le bolwetsi jwa AIDS re tsamaya fa kae re le lefatshe.

A bue gape ka dikago le ditlamelo tsa botsogo le malwetsi a a sa tshelanweng segolo bogolo.

Ke eletsa gape gore a itebaganye le thuto, gore e ya kae le gore puso e batlha go e isa kae. Ke eletsa a ka bua gape ka dikgang tsa lehuma.

A tlhalose gore go na le mananeo a fe a a itebagantseng le go lwantsha lehuma ka fa tlase ga puso ya gagwe.

Mme ke rata a se lebale go bua ka tshenyetso setshaba, go bona gore ba ba sentseng ba a tshwarwa ba tseelwa dikgato.

Mme Tessy Matlhaku

Tautona a bue ka letlhoko la ditiro le le lebaneng banana.

Fa Tautona a bua ka letlhoko la ditiro la banana go nne le dinako tse di papametseng le meakanya le ditogamaano tse di papametseng go rarabolola seemo se.

Banana ba barutegi ba ba nang le dikitso, ga ba bereke mme botshelo bo a tura, ditlhwatlhwa di oketsegile.

Re tlhoka gore Tautona a bue ka gore banana ba neelwe lefatshe la bonno le dikgwebo.

A bue gape ka ditiro le thotloetso ya dikgwebo tsa banana le melao e e gagametseng ya tshenyetso setshaba.

Re batla Botswana wa botlhe, yo o re berekelang ba rotlhe e seng wa batho ba ba palo potlana.

Rre Duncan Busang

Ke eletsa gore Tautona a bue ka botsogo le gore tlhaelo ya melemo le di dirisiwa tsa botsogo mo dikokelong ka gore, le fa go buiwa ka go tokafatsa seemo, tlhaelo ya melemo le di dirisiwa e ntse e bifela pele.

Kgang e, e botlhokwa ka ga se mongwe le mongwe yo o kgonang go ituelela bongaka. BOKHUTLO

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 05 Nov 2026