Breaking News

Khansele e sekaseka lenaneo la paakanyo ditsela

26 Nov 2026

Khansele ya GaMalete e mo thulaganyong ya go sekaseka lenaneo la go baakanya ditsela mo kgaolong eo yotlhe. 

Modulasetilo wa khansele Rre Matlhomola Motsage o buile se fa a ne a bula semmuso phuthego e e tsweletseng ya khansele.

O tlhalositsee fa ditsela di le botlhokwa mme a rotloetsa makhanselara go dirisana le maphata a a maleba go supa ditsela tse di tshwanetseng go baakangwa pele mo dikgaolong tsa bone. 

Fa a bua ka lenaneo la ditogamaano, Rre Motsage o boletse fa khansele e gatetse pele mo go direng lenaneo la 2026 go ya kwa go 2030. 

A re dintlha tsa botlhokwa tse di setseng di fitlheletswe di akaretsa go tlhamiwa ga setlhopha se se eteletseng pele go betlwa ga lenaneo le go tshwarwa ga dipuisanyo le banaleseabe..

Mo go tse dingwe, Rre Motsage o boleletse khansele fa dikgwetlho tse di amang madi di santse di le teng.

Ka jalo o rotloeditse boeteledipele go tswelela ba dirisa madi ka kelotlhoko, le go nonotsha ditsela tsa go fetlhela khansele letseno la madi le go phutha dikoloto go thusa go tokafatsa seemo sa yone sa madi gore e tle e itshetlele. 

O bile a supa fa ngwaga ono o tlisitse tse di molemo le dikgwetlho tse di farologanyeng.

A re go na le dikgwetlho tsa tsamaiso ya ditiro tsa ditlhabololo le koketsego ya ba ba batlang ditirelo tsa khansele. 

O ne a supa fa khansele e ikiteile sehuba go tswelela e direla setshaba. 

Tebang le botsogo jwa borre, Rre Motsage o gakolotse fa kgwedi ya Ngwanatsele e beetswe fa thoko go lemoga borre le go godisa kitso ka botsogo jwa bone le jwa kankere (prostate cancer). 

O rotloeditse borre go ya go itlhatlhobela mohuta oo wa kankere le malwetse a mangwe a a farologanyeng. 

“A re rotloetseng dipuisanyo ka tsa botsogo jwa borre, re lwantshe ditlhong tse di amanang le dikgang tsa botsogo, mme re gakolole borre gore go lemoga bolwetse ka bofefo le go bona thuso ya kalafi ka bonako go ka boloka matshelo,” a rialo.

O gateletse botlhokwa jwa gore khansele e sekaseke kgatelopele e e e dirileng mo ngwageng ono le dikgwetlho tse di santseng di e eme pele.

Tsotlhe tse, o rile di tlhoka boeteledipele jo bo nang le maikarabelo, tiriso ya ditlamelo e e siameng le tirisano-mmogo e e nonofileng. 

“Fa re leba kwa ngwageng o o tlang, a re shafatseng boineelo jwa rona jwa go direla setshaba, re nonotshe boikarabelo le go netefatsa gore ditshwetso tsa rona di nna le mosola mo matshelong a batho,” o ne a wetsa jalo. Bokhutlo

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phodiso Rankwe

Location : Ramotswa

Event : Phuthego ya khansele

Date : 26 Nov 2026