Nyalo e a dibelwa -Kgosi
24 Nov 2026
Kgosi Esau Molehele wa kgotla ya Morama kwa Ghanzi a re lenyalo ke mpho ya Modimo, ka jalo le tshwanetse go tshwarwa ka manontlhotlho.
Fa a bua kwa moletlong wa Re a Nyalana kwa Bere mo kgaolong ya Ghanzi bosheng, Kgosi Molehele o rotloeditse borre go sireletsa bomme ba bone, ka go ba fa lerato le tlhokomelo e e maleba gore go nne le ledula mo malwapeng.
O ne a gakolola banyalani go tshwaraganela morero, mathata le diemo dipe fela tse ba ka di ralalalang mo leetong la bone la lenyalo.
Kgosi o tsweletse ka go ba lemosa fa lenyalo le agelwa mo motheong wa lerato, a re ba tshwanetse go nna pelotelele, pelonomi gape ba ithute go itshwarelana fa go na le dipharologanyo.
Mo go tse dingwe, o ne a ba rotloetsa go ithuta go itshokela diemo di tshwana le letlhoko la madi, le dipe fela tse di ka ba tlhagelang mo malwapeng.
Fa a rola maikaelelo a letsatsi leo, mosimolodisi wa lenaneo la “Re a Nyalana”, Mme Annah Morwagole, o ne a tlhalosa fa toro ya lenaneo le, e simolotse ka kgwedi ya Lwetse ngwaga e le wa 2012, mme la simolodisiwa semmuso ka ngwaga wa 2013.
A re mo motsaneng wa Bere ba nyadisitse banyalani ba le masome a mabedi mme se se isitse dipalo tsa lenaneo kwa go 1 596.
A re moono mogolo wa lenaneo le, ke go aga malwapa a a itshetletseng le gone go rotloetsa go lemoga ditshwanelo tsa setho.
Mme Morwagole o ne a tlhalosa fa toro ya go simolodisa lenaneo le, e gwetlhilwe ke dikgang tsa kgokgontsho di tshwana le go amogwa dithoto tsa boswa segolo bogolo mo go bomme fa borre ba sena go hulara ba ne ba sa ba nyala.
A re ka lenaneo leo, ba kgonne go fokotsa dikgang tsa go amogwa dithoto tsa boswa mme a re ba dira dithulaganyo tse, ba tshwaragane le ba ofisi ya kgotla kgolo ya ditsheko le ba-na-le seabe ba bangwe.
Mme Morwagole o ne a tlhalosa gape fa lenaneo le, le akaretsa banyalani go tswa mo dingwageng tse di masome a mabedi le bongwe go ya kwa godimo.
O ne a supa fa setshaba se amogetse lenaneo le ka diatla tsoo-pedi ka jaana a re ba setse ba tshwaragantse malwapa a le 7 946, a gatelela fa ba sena dikgetsi dipe tsa tlhalo.
O ne a tlhalosa fa ba tlhatlhelela banyalani ka dithuto tsa lenyalo pele ga ba tsena mo kgolaganong e e boitshepho e .
Fa a tswa la gagwe, Modulasetilo wa kgaolo ya Ghanzi, rre Thabiso Kebadile, o ne a gwetlha banyalani go tshegetsa maikano a lenyalo a go tshela mmogo go fitlhelela ba kgaoganngwa ke loso.
O ne a tlhalosa fa tshwaragano e e nitameng e le molemo ka jaana, e thusa go menagane mo kgodisong ya bana ka maitsholo a a eletsegang mo setshabeng.
Rre Kebadile o ne a gwetlha banyalani gore ba seka ba itlhokomolosa tsamaiso ya nyalo ya Setswana e borre ba tshwanetseng go leboga ba bogwegadi ka bogadi.
A re go dira jalo, go tlaa ba thusa go nna le tshiamelo ya go akarediwa mo dithulaganyong tse dingwe tsa nyalo ya Setswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Bere
Event : Moletlo wa Re A Nyalana
Date : 24 Nov 2026





