Breaking News

Kgaolo ya Palapye e wetse tlase mo temong

23 Nov 2026

Mogokaganyi wa lenaneo la Lemang Dijo, Rre Oratile Monthe a re kgaolo ya Palapye ga e dire sentle mo temong.

Fa a buisa makhanselara kwa bokopanong jwa khansele, Rre Monthe a re balemi bangwe ga ba tlhatlhobe mmu ebile mme puso e dira maiteko a go ba thusa. A re mo nakong e e fetileng, balemi ba ba neng ba filwe dipampitshana tsa go lema ba ne ba le 74 846 Botswana jotlhe mme ba le 58 677 ba kgona go lema fa ba le 12 000 ba ne ba seka ba kgona mme ba ne ba rekile dipeo.

Ba ba neng ba seka ba kgona go reka dipeo gotlhelele ba ne ba le ba le 3 978 mme ba ba rekileng dipeo bontsi ba ne ba le mo kgaolong ya Palapye, Rre Monthe a tlhalosa, a supa fa ba ne ba itemogela fa balemi ba ne ba kgorelediwa go lema ke merwalela e e neng ya nna teng kwa kgaolong ya Palapye. 

O supile fa madi a a kabong ba ne ba a dirisitse go lemela batho e le P190.9 million mme go ne ga dirisiwa P122 million, go duela botlhe ba ba neng ba thusa balemi. Rre Monthe o tlhalositse fa balemi ba ba neng ba seka ba kgona go lema mme ba tshwere dipeo ba tlaa seke ba fiwe dipeo mo temong e e latelang mme ba tlaa dirisa tse ba di tsereng mo pakeng e e fetileng.

A re temo e e fetileng, kgaolo e ne ya ntsha thobo ya ditone di le 7 160.85 ya mabele le mmidi mme bontsi e le mmidi. Rre Monthe o kaile fa balemi ba lema mmidi go gaisa sengwe le sengwe mme mmidi o o lemiwang thata e le o o serolwana, o bontsi bo sa o jeng mo malwapeng, o bo o fela o dira dijo tsa leruo go na le go direla Batswana dijo. A re kgaolwana ya Mokatako kwa Goodhope e gaisitse tse dingwe ka gore balemi ba koo ba lema sentle ka ditselana, ba tlhagola ditshimo ba bo ba di tlhokomela. O kopile balemi ba kgaolo ya Palapye go tsibogela go tlhatlhoba mmu ka go sa le go buletswe go dira jalo, Lwetse a simologa.

Go tlhatlhoba mmu a re go thusa gore molemi a fiwe menontshane e e maleba mme go sa tsiboga go tlaa isa thobo kwa tlase gape mo kgaolong. A re Lemang Dijo e itebagantse le go ntsha maduo mme, balemi ba simolola ka go lemelwa tema e le nngwe, molemi yo o ntshang dikgetsi di le masome a mane o okelediwa ka tema e nngwe mo pakeng e e latelang mme fa go sa nne jalo o tswelela ka go lema tema e le nngwe fela go fitlha a goroga.  

Rre Monthe a re balemi ba kgaolo ya Palapye le dikgaolo tsa kwa Mahalapye le Serowe, ga ba leme jaaka balemi ba borwa jwa lefatshe leno. A re ga ba tlhagole masimo, bontsi jwa temo bo bo bo senyega fa bangwe ba lema ba bo ba ya go nna kwa magaeng go sena tlhokomelo. ENDS

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Bokopano jwa khansele

Date : 23 Nov 2026