Bogodu jwa leruo bo gomagometsa go kgobera ledula
18 Nov 2026
Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong ,a re mafatshe a Botswana le South Africa a tshwanetse go tsibogela bogodu jwa leruo kwa metseng e e bapileng le molelwane.
Kgosi Lotlaamoreng a re fa go ka seke ga tsibogelwa bogodu jwa leruo, ledula le le renang magare ga mafatshe oo mabedi le tlaa amega, a supa fa nako e gorogile gore mafatshe oo mabedi a fetole ka fa a ntseng a dira dilo ka teng, go itsa go supana ka menwana ka tshenyo e e diragalang, segolo jang mo Botswana.
O buile se fa a ne a bula semmuso dipuisanyo tsa sepodisi sa Botswana le South Africa ka Labobedi kwa Makokwe.
Sepodisi sa Botswana se ne se laleditse sa South Africa go tswa ka maano a go lwantsha bogodu jo bo apesitseng barui ba metse e e gaufi le molelwane kobo ka letshoba.
Kgosi Lotlaamoreng a re go tlhabisa ditlhong go bo se se diragala ka gore merafe e, ke masika mme gona le bangwe mo Botswana le kwa South Africa, ba go lebegang ba ipopile setlhopha ka maikalelo a go tlhorontsha barui.
O supile fa mo bogompienong magodu a ba dirisa dikapaditshwantsho tse di fofang (drones) mme e bile go belaesega fa e le tsone di ba kgontshang go tsietsa mapodisi. Seemo se, a re se ka fenngwa fela fa mafatshe oo mabedi a ka tsaya tshwetso ya gore mafatshe a tshwaragane fa go nna le letsholo la itshireletso.
O tsweletse a tlhalosa gore mephato e e tlhamilweng go lwantsha bogodu bogodu jwa leruo, ba tshwanetse go bereka mmogo ka ke bone nako e ntsi ba lemogang fa gona le mathata.
Kgosi o tlhalositse gore ba tshwanetse go nna le megala e ba ka itshwaraganyang le ba sepodisi ka dinako tsotlhe.
Kgosi Lotlaamoreng a re o setse a kile a leka go bua le ba ofisi ya mafatshe a sele gore bone ele ba bogosi ba letlelelwe go ya South Africa go ya go kopanela meakanya le dikgosi jaaka bone go bona gore seemo seo seka fenngwa jang.
Mo boemong jwa mophato wa South Africa oo itebagantseng le twantsho bogodu jwa leruo, Rre Thabo Mabe le ene o ne a supa fa seemo seo seba tshwenya thata jaaka ele barui ba ba ruetseng gaufi le terata ya molelwane.
A re sebe sa phiri ke gore mapodisi a South Africa ga ba bonale fa ba Botswana ele bone go lebegang ba tshwere phage ka mangana bale nosi.
O kopile gape gore lefatshe la Botswana le emise gone le letlelela babelaelwa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo, segolo jang fa ba fitlhetswe ka merwalo.
Fa atswa la gagwe moemedi wa mophato wa Botswana Rre Tshepo Ketlhaetswe o supile fa go tlhokega gore mephato eo mebedi e nne seopo sengwe.
A re ba ntse ba leka go bereka ka bongwe ka bongwe mme seo ga sea ba tswela maduo.
O tsweletse a kopa le dikgosi tsa metse ya bone gore di emise go kgaoganya mephato, a re gona le dikgosi dingwe tse maikaelelo a tsone e leng go thuba mephato eo.
Ba sepodisi sa Botswana ba supile fa dipalo di supa gore go simolola ka ngwaga wa 2023 go fitlha mo nakong eno go setse go utswilwe dipodi dile 2734 mme ba kgona go bona dile 213, dinku dile 637 go bonetse dile 68 fa dikgomo tsone dile 140 mme ba bone fela dile 30.
Deputy Divisional South, Rre Nicolas Kadiatla a re ba setse ba lemogile ditsela tse magodu ao a tsamayang ka tsone mme ba inaakantse le go tla ka maano ago tshwara dilalome tseo.
O kopile barui go tlhatlhela leruo la bone le go netefatsa gore le babalesegile fale tlhatlhetswe ka jaana dilalome tseo di tsaya diruiwa le mo masakeng tota. BOKHUTLOmakokwe
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Makokwe
Event : Thuto-puisano
Date : 18 Nov 2026




