Ba kopiwa go tsaya boloko jwa koporase
18 Nov 2026
Modulasetilo wa GaMmangwato Industrial Development Committee, Rre Bonang Morapedi, o kopile banni ba kgaolo ya Palapye go nna maloko a koporase e e tlaa simolodisiwang ya GaMmangwato Multi-Purpose Cooperative Society.
Kopo e, e dirilwe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Kgosi Khama IV bosheng, go lekodisa morafe ka koporase e go tlhalositsweng fa e le ya kgaolo ya GaMmangwato.
Mogopolo wa go e simolodisa o dule ka kgosikgolo wa GaMmangwato Kgosi Khama, mme e tlaa akaretsa dikgaolo tsa GaMmangwato tse di akaretsang Serowe, Palapye, Mahalapye, Bobirwa, Boteti, Tutume le Tonota.
Rre Morapedi o tlhalositse fa koporase e se ya Bangwato fela, merafe e mengwe e e mo kgaolong ya GaMmangwato ka matsalo, boagedi, ka nyalo le ka go nna le dikgwebo, e amogelesega.
GaMmangwato Multi-Purpose Cooperative Society e tlaa itebaganya le go tlhabolola matshelo a banni, gore ba seka ba baya mo pusong fela, go direla banana ditiro le go tsosa itsholelo go itebagantswe le tsa mehama e e farologaneng e tshwana le temo-thuo, tsa meepo, maranyane, ngwao, bojanala le tse dingwe.
Rre Morapedi o supile fa koporase e e tlaabo gape e itebagantse le go dira ditirelo tse di ka romelwang kwa mafatsheng a mangwe, go dira dipoelo, ka tshwaragano le ba na-le-seabe ba ba farologaneng.
A re go re motho e nne leloko la koporase, o tshwanetse a ntshe P200 yo o duelwang gangwe fela le P1 000 e le wa diabe. O tlhalositse fa P1 000 wa diabe go ka diriwa thulaganyo ya go mo duela otlhe ka gangwe kana, motho a mo ntsha mo ngwageng.
Rre Morapedi a re morafe o tlaa dirisanya le dikomiti tse di tlhomilweng mo metseng yotlhe gore go nne motlhofo go ikwadisa go nna maloko le go ntsha madi a diabe. A re dikgosana mo metseng ka go farologana ba filwe setlamo sa go tla ka maloko a le lekgolo mongwe le mongwe wa bone.
A re ba tsweletse ka go tsaya malebela kwa dikhamphaneng tse di setseng di le teng di tshwana le ya Botala Energy mme fa go ka nna le ditumalano, bontlha bongwe jwa madi a a kgobokantsweng a ka reka diabe kwa khamphaneng eo, e e kwadisitsweng kwa Australian Stock Exchange.
Modupadibuka go tswa kwa lephateng la dikoporase, ka fa tlase ga lephata la Papadi le bogwebi, Mme Irene Sebinanyane, o kopile banni go nna maloko.
A re koporase ya ntlha mo lefatsheng leno go tlhamiwa ke ya Swaneng ka 1964, e e rileng e tsweletse ya wa mme ya pepetlediwa go tla go tsena mo nakong eno e bile e dira sentle.
O lebogile Kgosi Khama go tla ka mogopolo wa go simolola koporase a supa fa e tlaa bo e na le dipalo tse dintsi, tse di tlhokiwang mo kgwebong .
Mme Sebinyane a re maloko a tlaa bona dipoelo fa go tlhoafetswe, ka go se na ditiro mme fa go dirilwe koporase e e kalo, e ya go remelela mo go tlhameleng banni ditiro mme letseno le le tlaa diriwang, le boele mo dikgetsing tsa maloko.
Mme Sebinanyane a re kwa lephateng la dikoporase ba itsheegile ka seane se se reng, ‘moroto o esi ga o ele’ ka fa ba ka dira mmogo ba tsile go dira tiro e tona. O kopile banni go tsosolosa sekoporase sa bogologolo mme ba ikaegile ka diphetogp tsa segompieno.
A re o solofetsa gore mo nakong e khutshwane ba tlaabo ba ntshitse setlankana sa GaMmangwato Multi -Purpose Cooperative Society, mme ba tlaa gagamatsa gore sepe se maloko a se tsentseng mo teng se sireletsege le koporase e atlege.
Mme Sebinyane a re banni fa ba tlaa rutiwa mo go tseneletseng gore sekoporase ke eng le gore go nna leloko la koporase go raya eng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Nov 2026





