Breaking News

Bogodi ga se bogole- mogolwane

16 Nov 2026

Kereke ya Pentecostal Holiness kwa Lobatse e tlaa tshwara moletlo wa ditebogo le go lemoga bagodi ba kereke eo kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bobedi.

Mongwe wa bagodi ba kereke eo, Mme Lorato Moseki, o buile jalo le BOPA mo potsolotsong, a bolela gore e le bagodi ba kereke ba dingwaga tse di masome a marataro le botlhano go ya kwa godimo, ba tshwara moletlo o go lemoga seabe sa bone, botlhale, bogakolodi, boleng jwa bone le ditiro tse ba di direlang kereke ka kakaretso le go itumelela bogodi jwa bone le ba malwapa a bone jaaka Modimo a tsweletse ka go ba segofatsa ka botshelo.

Mme Moseki a re bogodi ga se go tlhoka bokgoni. A re mo dingwageng tsa bogodi ke gone motho a berekang thata, ka jaanong o itebaganya le ditiro tsa selegae letsatsi le letsatsi, go dira ditiro tsa boithaopo kwa mekgatlhong e e farologanyeng, a tlatsa ka go kgothatsa bagodi go re ga baa tshwanela go nna ba itlhobogile jaaka o kare ga bana bokgoni le thata ya go ka dira sepe.

O tsweletse a kgothatsa bagodi ka kakaretso gore ba nne ba dira sengwe le gone go dirisa ditalente gore ba seka ba nna ba didimetse, ba ntse bale nosi nako e ntsi.

Mme Moseki o boletse gape gore ka letsatsi leo phuthego ya kereke e tlaa tlotla Moruti wa kereke eo ka mowa wa tebogo, go lemoga boineelo jwa gagwe, boeteledipele, bogakolodi le go nna boikanyego mo go direleng Modimo.

O boletse gore moletlo o, ba o tshwara ngwaga le ngwaga mme monongwaga, ba tlaa o tshwara mo go faphegileng ka ba gopotse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong gore ba ba abele dimpho, e le go ba fa lorato le go supa gore kereke e kgathala ka bone.

Mme Moseki a re ka dimpho tse, ba batla go nna sekao mo bananeng ba kereke ya bone ka jaana bagodi e le boeteledipele jo bo ba bontshang tsela e ba tshwanetseng go e ithuta gore e tsamaiwa jang, go dirwa dilo jang, le go ithuta dilo tse di siameng.

Moletlo o tlaa tshwarwa ka setlhogo se se reng: Re serwalo sa kgalalelo mo tseleng ya tshiamo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 16 Nov 2026