Breaking News

Ofisi e tsibogela go isa ditlamelo kwa setshabeng

16 Nov 2026

Bontsi jwa metse ee kgakala le ditlamelo, e itemogela dikgwetlho tsa go go bona ditirelo tsa puso, jaaka kwadiso ya ditlankana tsa matsalo, dintsho le omang. 

Ke ka moo ba ofisi ya ga molaodi ya Kanye  ba neng ba tswa letsholo bosheng, go isa ditlamelo kwa Lorolwane..

Seemo sa bokgakala le ditlamelo go ya ka Mothusa Molaodi wa kgaolo ya Kanye, Mme Tlhalefo Pako-Maradung mo potsolotsong le BOPA, se gwetlhile ofisi ya molaodi wa kgaolo go rekegela le go tlhopha motse o, e le mongwe wa metse e e tlhokang go atumediwa ditlamelo mo kgaolong.

Fa a tswelela o ne a re, seemo sa go sa bone ditlamelo se oketswa gape ke letlhoko la dipalamo tsa setshaba mme se se dire gore go nne le go retelelwa ke go palama go ya go kopa ditlamelo kgotsa gone go di bona go boela morago, Bangwe ba ba kgonneng go goroga kwa mafelong a ditirelo, ba kgona go ipoela fela ba sa bona thuso ka mabaka a go itlhaganelela nako ya go boela morago ya dipalamo tse diboutsana.

 A re ka jalo ofisi ya ga molaodi e ngokile maphata a puso ka go farologana go tsisetsa Lorolwane ditlamelo, e bile e le go ba thusa manokonoko a ditshenyegelo tsa mosepele.

 Mogolwane kwa lephateng la kwadiso ya ditlankana tsa matsalo, dintsho le omang go tswa kwa Jwaneng ,Mme Keletso Keitshokile le ene o gateletse fa motse wa Lorolwane o le kgakala go ka fitlhelela ditirelo ka jalo go kgoreletsa go gorosa ditirelo tsa morafe ka nako.

O tladitse ka gore seemo sa madi le sone se bakile kgoreletsego go thusa morafe jaaka fa lenaneo la go ba isetsa ditlamelo tseo mo setlheng sengwe le sengwe sa ngwaga se sa kgonagala ngwaga ono. A re se ke lengwe la mabaka a a bakileng mosuke o o neng o tshologetse go amogela ditirelo tsa lephata leo ka Labone.

O tlhalositse mo potsolotsong fa lephata le amogetse baikopedi ba ba dirang Omang e le lantlha ba le le lesome le bongwe (19) le ba ba ntshafatsang Omang ba le masome mabedi le bongwe (21), mme ba le boferabobedi ba kgona go neelwa dikarata tsa Omang. Fa dikarata tsa Omang di le pedi di kopilwe e le tse di latlhegileng. 

Mme Keitshokile a re dikopo tsa ditlankana tsa matsalo di gatisitswe di le nne (4), ga ba ga ntshiwa di le nne (4) tse di kopilweng go le pele. 

Go ya ka Kgosi Matlhoakgosi Matlho wa Lorolwane, ditirelo tse di tlhokiwang thata ke morafe wa Lorolwane, ke ditirelo tsa lephata la kwadiso ya ditlankana tsa matsalo ,dintsho le omang ga mmogo le tsa lephata la ditirelo tsa metsi.

 A re morafe o lela thata ka go duela sekoloto sa metsi, a re go tsaya sebaka se seleele go sa kgonagale go a duela mme go felele go baka gore bontsi ja malapa bo kgaolelwe metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Lorolwane

Event : Potsolotso

Date : 16 Nov 2026