Breaking News

CEYOHO E Kgothatsa Bomme Go Ikemela

12 Nov 2026

Modulasetilo wa mokgatlho wa Centre For Youth of Hope (CEYOHO), Mme Letsweletse Lesupi a re bomme ba tshwanetse go ikemela ka dinao kgatlhanong le kgokgontsho ya bong. 

O buile jalo bosheng kwa thuto-puisanyong e e neng e rulaganstwe ke ba mokgatlho oo go rutuntsha bomme le go abelana dikgakololo ka fa b aka ikemelang ka teng go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho.

 A re tshidilo maikutlo ke konokono bogolo jang fa ba ameile mo kgokgontshong le gone go emana nokeng ka dinako tsotlhe. Moruti Thato Maphakwa e bile ele mogakolodi o boletse fa bomme ba kopana le dikgwetlho tse dintsi mo botshelong mme a gatalela botlhokwa jwa go ikgolaganya le thapelo. 

O supile fa malwapa ka bontsi a wetswe ke seru sa tiriso ditagi a tlatsa ka gore bangwe ba di dirisa jalo ba leka go tlisa kagiso mo malwapeng kana go itebatsa dikgwetlho mme seo e se tharabololo ya sennelaruri. 

Moruti Maphakwane o gakolotse bomme go itharabologelwa a supa fa bontsi ba ntse moriti o tsididi fela bas a ikemele ka diano ba itirela. 

“Ke lemoga fa bontsi jwa lona bo itebetse, ga lo ithate ka jaana lo bipa mpa ka mabele mo dikgannyeng tse di lo amang, tse di lo tlhokisang kagiso mm eke lo gakolola go ikemela ka diano lo tseye boikarabelo ka matshelo a lona,” a gakolola jalo. 

Mongwe wa bagwebi, Mme Keamogetse Nkgare o rotloeditse bomme go nna le mowa wa boithaopo gore ba kgone go fitlhelela mo botshelong a tlatsa ka gore ga gona botshelo jo bo senang dikgwetlho. 

A re e le bomme ba tshwanetse ba iteletsa go itirela kwa pele a supa botlhokwa jwa go itshimololela kgwebo le go anya maele mo go b aba tsweletseng. 

O boletse fa ba kgona go simolola kgwebo ka madi a mannye mme yone e tswelele e ikgodisa. Mme Nkgare o tsweletse a tlhalosa fa bomme e le baeteledipele ka tlholego e bile ba le botlhale mme a ba rotloetsa fo dirisa botlhale joo go itshetsa e seng go remelela thata mo dikwetlhong tsa botshelo ka di ka ba dia go akanya. 

Mo botshelong, a re batho ba diiwa ke go nna ba ipotsa gore batho batla reng a tlatsa ka gore motho o tshwanetse a nna le dielo, maitlamo le gone go netefatsa gore o di fitlhelela jang. 

Mmaboipelego kwa kokelong ya Sbrana, Mme Oleteng Sennye o gakolotse bomme go ikuela fa ba amega mo kgokgontshong a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba tlhaloganya gore botshelo jwa bone bo tla pele. 

A re ba itlwaetse go bua le batho ba tshwana le baruti, masika a ba a tshepang kana bagakolodi fa ba lemoga gore dilo ga di tsamaye sentle mo malwapeng ka seo se ka thusa go fema kgokgontsho. 

Mme Sennye o boletse fa ngwao le yone e na le seabe mo go kukutseng kgokgontsho a supa fa bomme bas a tshwanela go bipa map aka mabele fela ka ntlha ya ngwao. 

Bomme ba kgotahditswe gape go itirela letseno go na le go baya fela mo go borre le ntswa ban a le bokgoni jwa go ka itirela. 

Moemedi wa sepodise, Rre Clifford Morwagolwane go tswa ofising ya bana le bong o tlhalosidiste batsena bokopano ka mefuta yotlhe ya kgokgontsho mme a supa fa bone ba diragatsa molao fa ba begetse go sireletsa motswa setlhabelo kana ope fela yo o mo boring. 

A re dikgang tsa kgokgontsho ya bong ka bontsi ke tse di amanang le marato, baratani kgotsa banyalani. 

Bokopano jo bone bo tsenwe ke bomme ba dikgwebo mo Lobatse ba ba itsegeng ka leina la Baralatsi/Moralatsi, barutintshi go tswa kwa maphateng a a farologanyeng a puso le a a ikemetseng mme bo ne bo tshwerwe ka setlhogo se sereng ‘Fa botshelo bo nna thata, a re nonotshwaneng ’(When life gives you lemons ;sister strengthen sisters). BOKUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Thuto-puisano

Date : 12 Nov 2026