Patayamatebele o bona tharabololo ya metsi
11 Nov 2026
Selelo sa letlhoko la metsi kwa Patayamatebele e tlaa nna selo sa maloba morago ga gore khamphani ya Metropolitan Botswana ka ptarmigans le ba Water Utilities Corporation (WUC) ba epe le go gokela sediba se se tlaa nosang motse.
E rile fa a bua kwa go rolweng semmuso ga sediba seo, Kgosi Mpho Molema wa Patayamatebele o ne a kaya fa se e le ditso ka jaana motse wa gagwe o tswa bogologoolo o kokonelwa ke letlhoko la metsi.
“Se ke ditso mo motseng wa rona. E ne ya re mo bekeng e e fetileng ra amogela baeng go tswa kwa Metropolitan go re begela dikgang tse di molemo gore re phunyeditswe sediba,” ga buwa jalo Kgosi Molema.
O ne a tlhalosa fa se, se ne sa tlisa boitumelo jo bogolo ka jaanong metsi a le teng mo motseng.
Kgosi Molema a re kgang ya letlhoko la metsi kwa Patayamatebele e ntse e ba tlhora boroko mme a supa fa ba lebogela gore mathata ao a bone a bo a bone tharabololo.
Kgosi o ne a lebogela ba Metropolitan tiro e ntle e ba e diretseng morafe wa gagwe, a kaya fa tshwaragano ya bone le WUC e ntshitse maduo a molemo.
Fa a lebogela mpho eo, molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Wame Samapipi o ne a tlhalosa fa kgaolo eo e aperetswe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka tlhaelo ya dilo tsa botlhokwa di akaretsa metsi, lefatshe, ditsela ga mmogo le motlakase.
Mme Samapipi a re se se dirilweng ke ba Metropolitan Botswana e le tharabololo ya nngwe kgwetlho e e ntseng e tshwenya mme ka jalo a ba lebogela tiro e ntle eo.
“Tshwaragano ya dikhamphani tse e tlisitse boitumelo mo motseng. Go goroga ga metsi go tlaa dira gore banni ba kgone go dira mananeo a ba neng ba sa kgone go a dira jaaka jaaka go lema, go rua ga mmogo le go tlhofofatsa ditirelo tsa botsogo kwa kokelong,” ga tlhalosa jalo Mme Samapipi.
O boletse fa go nna teng ga metsi e le tsela ya go isa ditlamelo kwa bathong le go tlhofofatsa go ntshiwa ga ditirelo, mme a supa fa kgangkgolo e le go tokahatsa matshelo ga mmogo le go tlhabolola motse.
E rile fa a fa bopaki ka go tla ga metsi mo motseng, mogolo wa motse oo Mme Nnana Thowang o ne a tlhalosa fa a tletse la boitumelo jo bogolo.
“E rile maloba fa ke goroga mo lwapeng, ka utlwa bana ba re ‘nkuku metsi a a tswa’, mme le nna ka ya go bula pompo mme ka boammaaruri ka fitlhela a tswa. Ke ne ka itumela fela thata ka jaana re sale re sokola ka tlhaelo ya metsi,” ga bua jalo Mma Thowang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Patayamatebele
Event : Kabo dimpho
Date : 11 Nov 2026






