Seromamowa se ribolola lenaneo la go tsibosa setshaba ka makwetsepe
09 Nov 2026
Seromamowa sa Botswana se tshwaraganye le lephata la madi le makalana a mangwe a a itebagantseng le tiriso ya madi ba ribolotse letsholo le le ikaeletseng go ruta le go tsibosa setshaba ka borukuthi jo bo amanang le tiriso ya madi.
Letsholo leo le simolodisitswe ke Mothusa Tautona, yo gape e leng tona wa lephata la madi, Rre Ndaba Gaolathe kwa kgotleng ya Mogoditshane ka Labotlhano.
Mo mafokong a gagwe a go ribolola letsholo la go ruta setshaba go ipabalela mo manweenweeng a a tsietsang Batswana ka go ba amoga madi a bone, Rre Gaolathe a re batho ba latlhegelwa ke madi a ba bereketseng ba tsiediwa ke dilalome di itshema jaaka badiri ba makalana a a ka ba thusang.
Setlhogo sa go ribolola letsholo le sa re : Nna podi matseba mo manweenweeng, sireletsa madi a gago, o sireletse khumo ya gago.”
A re tsholofelo ke gore thuto ka go dibela, tiriso, go boloka le tshomarelo ya madi e nne ngwao ya Batswana e e tseneletseng.
O tsweletse a rotloetsa setshaba go dirisa madi ka kelelelo, a bo a leboga Seromamowa sa Botswana ka thotoetso ya Botswana Bankers Association, Bank of Botswana le dibanka tse dingwe ka kgato e ba e tsereng ya go bona go le maleba go bontsha le go senolela Batswana ka methale e dirisiwang ke dilalome go ba jela madi ba dirisa maranyane. Moemedi wa Banka ya Botswana Rre Lesego Moseki o tlhalositse fa kgangkgolo ya letsholo ele go gakololana ka tse di botlhabetsi tse di ka diragalang fa setshaba sentse se dirisanya le dibanka ka tsa madi gape le go fana maele a gore ba ka iphemela jang.
O gakolotse setshaba gore se dirisanye fela le ba ba filweng teseletso ya go tsamaisa dibanka ka se seka thusa go hema go tsiediwa ke manweenwee.
Rre Moseki o rotloeditse morafe go dirisanya le dibanka le go emisa go baa madi mo matlong ka seo se ka ba tsenya mo diphatseng.
Mogolwane wa Business Conduct & Regulatory Compliance (Boitshwaro jwa kgwebo le kobamelo ya melawana) Rre Joe Selwe a re Banka ya Botswana e itshwaragantse le mapodise le dibanka ka go farologana ka ba lemogile gore bonweenwee bo ka baka gore setshaba se nne bori go dirisa mananeo le peeletso tsa dibanka.
Rre Selwe are manweenwee a dirisa metlhale e farologanyeng jaaka go ipaa ekare ke badiri ba dibanka go tsietsa setshaba mme thata ba ikamanya le ba ba tlogelang tiro ka bogodi.
“Go supagala gore ba ka tswa ba dirisanya le bangwe. Go a hakgamatsa ka gore ba leletsa yo o tlogetseng tiro marago ga go fiwa lokwalo la go tlogela tiro mo bogautshwaneng,”ga tlhalosa Rre Selwe. A re ba emise go akediwa ke batho ba ba oka ka gore ba na le kitso ya go tsadisa madi. O rotloeditse setshaba go nna ba lebelela ka fa ba dirisitseng madi a bone ka teng, gore ba kgone go senola ka bofefo fa go na le tiriso ya madi e e sa tlwaelesegang go ipabalela mo manweenweeng.
Mookamedi wa Seromamowa sa Botswana(RB1), Mme Lesego Kgajwane o tlhalositse fa maitlamo a lephata la gagwe ele go fitisa dikitsiso le go ruta ka jalo ba le mo legatong la go ruta le go gakolola setshaba ka tsa madi.
Mme Kgajwane a re mosepele o ba leng mo go one o simolotse ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole, morago ga selelo sa Batswana sa go jelwa madi ke magodu. Mookamedi wa Botswana Bankers Association, Dr Lesedi Senatla a re o lebogela tshwaragano ya bone le Seromamowa sa Botswana gore madi a ba sokoletseng a seka ba tswa ka diphatlha tsa menwana ntateng ya manweenwee.
Dr Senatla a re go amogiwa madi ke magotswana go ama itsholelo ya malwapa le ya lefatshe ka kakaretso le gone go leswafatsa makalana a filweng boikarabelo jwa go gweba ka madi.
Mopalamente wa Mogoditshane Botlhaba, Rre Letlhogonolo Barongwang o supile fa letsholo la go lwantsha tsietso ya madi mo setshabeng le tsile ka nako e e maleba ya go lebilwe malatsi a botsalo jwa morena le bofelo jwa ngwaga, e gantsi dirukhuthi o fitlhelang di ipapanne go senyetsa setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thokozani Matiha
Location : Mogoditshane
Event : Lenaneo la Radio Botswana
Date : 09 Nov 2026






