Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa polao

04 Nov 2026

Mapodise a Tonota a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe go belaelwang a bolaile mme wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro gone kwa Tonota.

Go ya ka mookamela-mapodise a Tonota, Superintendent Moore Motsokono, o tlhalositse fa bobedi joo e le banyalani, mme go supa fa ba ile ba nna le tlhoka-kutlwisisanyo, mme wa rre go belaesega fa a dirisitse sengwe se se bogale go tlhaba mosadi wa gagwe.

O tlhalositse fa bobedi joo e le banni ba kgotla ya Rrampalo kwa Tonota, mme tiragalo eo e diragaletse kwa masimong a Makhubu gaufi le Tonota.

Le fa dikgang di eme jalo, mmelelwa o ne a isiwa fa pele ga kgotla ya ga mmakaseterata ya Francistown ka Labobedi, mme o solofetswe go itshupa gape teng kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bosupa.

Superintendent Motsokono o ne a tlhalosa fa mo ngwageng ono, e le yone tiragalo ya ntlha mo kgaolong ya gagwe.

O kopile batho mo setshabeng go nna ba kopa thuso fa ba nale mathata, a tlhalosa fa ba boipelego, ba sepodise, baruti ga mmogo le batsadi ba ka thusa go tila dikgang tsa motlhale o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Tonota

Event : Potsolotso

Date : 04 Nov 2026