Breaking News

Tsayang dikgakololo tsa balemisi tsia

24 Nov 2026

Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa Maitengwe, Rre Standa Phuthego a re temo ya tshomarelo bokgola e ka nowa moro ka go setse go itshupile fa e le yone fela e e ka nnang le bogadi jo bo gaufi ka paka ya komelelo.

Rre Phuthego o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng. 

A re ga a nke a ipona tsapa go sala morago mananeo ape a balemisi ba reng a siametse temo. 

A re go simolodisetswe lenaneo la go ruta balemi go lema ka Go Kabela e le mongwe mokgwa o balemi ba ka o dirisang ka nako ya komelelo.

A re ene le balemi ba bangwe ba setse ba simolotse go lekeletsa, a bolela fa a setse a epile mafuti a go kabela mo selekanyong sa ekere.

Rre Phuthego a re lenaneo la go kabela le botlhokwa ka le somarela bokgola gape le thibela kgotlelesego ya mmu, ka go kabela go dirwa ka go epa mafuti a a boteng jwa 16cm le bophara jwa 17cm,go sa pitikololwe lefatshe lotlhe jaaka mo go tlwaelesegileng.

O boletse fa go kabela go somarela metsi ka a kgona go elela sentle, mme a tseye nako a le mo mmung, bokgola jwa teng bo fitlhelwe ke dijwalo.

A re se a se ratileng thata ka lenaneo le, fa pula e tlhaela, o kgona go tsamaya a nosetsa ka kopi.

O ne a kopa balemi go tsaya dithuto tsa balemisi tsia le go di diragatsa gore ba kgone go itirela dijo.

A re go sala morago ditaelo tsa balemisi le go diragatsa se ba se buang ke yone pheko e tona mo temong ga mmogo le go ntsha maduo a mantle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Maitengwe

Event : Potsolotso

Date : 24 Nov 2026