Breaking News

Malwapa a lebogela dimpho

19 Nov 2026

Malwapa a le lesome a ne a phophoma ka menyenyo le boitumelo morago ga gore ba lekgotla la Botswana Tertiary Students Sports Association (BOTESSA) le supe mowa wa lorato ka go ba abela mamphemphe a dijo. 

E re jaaka e le tlwaelo, ngwaga le ngwaga, lekgotla leo le tshegetsa mabelo a a itsegeng ka ‘Run Maun (Marathon) a a kgobokanyang batabogi le bao ba ba eletsang go itshidila mmele go tswa mo gae le kwa ntle ga lefatshe mme e re morago lekgotla le komiti e e rulaganyetsang tiro eo ba otlolole letsogo go thusa setshaba. 

Ke ka moo mono ngwaga ba boneng go tshwanela go thusa malwapa ao a a tlhokileng lesego mo Maun ka tshwaragano le bokaedi jwa ofisi ya boipelego. 

E ne ya re a ntsha lefoko la kgothatso, mokwaledi wa khansele ya bokone bophirima, Rre Mosimanegape Mogorosi a phuphutha bogogi jwa lekgotla leo legetla a supa fa go itumedisa go bona makgotla a tshwana le BOTESSA a ema ka dinao go thusa puso mo nakong tse di thata tsa itsholelo e e wetseng tlase. 

A re ba supile fa metshameko kana mabelo e se go itlosa bodutu fela kana go rotloetsa botsogo jo bo eletsagang mme ba ba supile fa lobelo leo le kgona go fetola matshelo a banni ka go ba neela seriti le go tokafatsa matshelo a bone. A re khansele e le banwe ke namane e tona ya go tlhabolola kgaolo, go tokafatsa matshelo, go atolosa ditlamelo ga mmogo le go tlhokomela bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong mme seo se se bonolo ka jaana tlhaelo ya madi e le sekgoreletsi. 

“Re nona pelo ka mathe fa re bona makgotla jaaka le la BOTESSA le re ema nokeng mo go diragatseng thomo ya rona. 

Re dumela fa dijo tse di tla fetoala matshelo a malwapa ao a a nnileng lesego go abelwa,” Rre Mogorosi a tlatsa jalo. 

Fa a tswa la gagwe, tautona wa BOTESSA, Rre Keorapetse Setlhare o boletse fa maikaelelo a lobelo leo e le go ribolola talente ya batabogi mo kgaolong le gone go rotloetsa bojanala jwa metshameko mo maun ke aka moo ba boneng go tshwanela go tshwarela lobelo leo mo Maun. 

O tsweletse a supa gape fa ba eletsa go nna le motlhala ke ka moo ba bonong gore ngwaga le ngwaga morago ga lobelo, ba dire sengwe go neela setshaba e le tsela ya go supa lorato le go kgathala ka bao b aba tlhokileng lesego.

 “Re dira seo re tshwaragane le ba khansele ka ke bone ba itseng matlhoko a kgaolo mme e bile re itumeletse gore leboelo lo le godile thata e bile re itlama go dira go le go ntsi mo ngwageng tse di latelang”. Rre Setlhare o supile fa metshamo e le botlhokwa ka jaana e sa rotloetse fela itshidilo mmele mme e thusa mo go kopanyeng batho le gone go rotloetsa tshwaragano, le boitshwaro jo bo eletsegang. 

O lebogile komiti e e rulaganyang lobelo, dikompone, ba tsayakarolo botlhe ba ba thusitseng gore lobelo leo le atlege. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesaoaka Kubyadi

Location : Maun

Event : Kabo dimpho

Date : 19 Nov 2026