Emisang go sotla bana ba ba tshotsweng pele ga nako
19 Nov 2026
Setshaba se rotloediwa go nna le seabe se se bonalang mo botsogong le kgolo ya bana ba ba tshotsweng pele ga nako gore ba kgone go nna le bokamoso jwa motia.
Mooki wa bana kwa kokelong sa Scottish Livingstone mo Molepolole, Mme Boineelo Ketshabathupa o buile jalo ka letsatsi la mafatshefatshe la bana ba ba tshotsweng pele ga nako le le neng le ipelelwa kwa kokelong eo ka Labobedi.
Mme Ketshabathupa a re bana ba ba tlhoka go fiwa lorato le tlhokomelo otlhe e ba ka e tlhokang gore bokamoso jwa bone bo nowe moro.
A re go boima go godisa lesea le le belegweng pele ga nako ka gore le tlhoka tlhokomelo le ditlamelo tsa botsogo tse di faphegileng gore le kgone go itshetlela.
Mme Ketshabathupa a re botsetsi jwa ngwana a belegwe pele ga nako ke kgwetlho mo go mmangwana ka gore bangwe ba tshwenyega thata mo maikutlong ba ipotsa dipotso tse di ntsi ka isago ya bana ba.
“Re le babelesegi, re dira tsotlhe tse di tlhokwang go thuso mmangwana le lesea, mme ga go felele foo ka gore fa ba boela kwa lwapeng kgotsa kwa setshabeng ba tshwanetse go amogelwa le go tshwarwa sentle ke ba tshelang le bone,”ga tlhalosa Mme Ketshabathupa.
A re go botlhokwa go ruta setshaba go amogela le go tlhokomela masea a belegweng pele ga nako go ba thusa gore ba thuthuge le gone go hema tse di bakang seemo se.
“Re eletsa go bona bomme ba ba itsholofetseng ba sa tshabe go tla go sepatela ka gore ba kgone go thusiwa go tlhokomela boimana.
Re tshwanetse re lemotshe setshaba gore go godisa ngwana go tlhokana le tshwaragano ya botlhe.
A re se tsamayeng mo motseng re bitsa bana ba mepakwana kgotsa maina a fatlhang ka gore ke bana ba ba sa itirang,” ga bua Mme Ketshabathupa.
Dr Boineelo Katse, yo itebagantseng le botsogo jwa bana a re mangwe a mabaka a ka dirang gore ngwana a belegwe pele ga nako ke go kotomela maikutlo, go goga motsoko le go nwa nnotagi ka nako ya boimana kgotsa mabaka a mangwe a sa tllhaloganyesegeng.
Dr Katse a re letsatsi le, le tsibosa ka dikgwetlho tsa malwapa a godisang masea a tshotsweng pele ga nako.
O ile a sedimosa gore pelegi pele ga nako ke mathata a tshwenyang go ralala lebopo ka bophara, a tlatsa ka gore dipalo tsa lekalana la botsogo la mafatshefatshe, World Health Organisation (WHO) di supa gore masea a feta didikadike tse di lesome le boraro le sephatlho (13.5 million) a tsholwa ngwaga le ngwaga, mme ngwana a le mongwe mo go ba le lesome o tsholwa pele ga nako.
Mongwe wa batsadi yo kileng a belega lesea pele ga nako, Mme Mmapula Mokalaka a ile a rurifatsa gore masea a le belegweng pele ga nako le bommaabone ba aramela seemo se se seng monate ka ba tshabelelwa ke go kgojwa ka dipuo tsa tshotlo.
“Ngwana yo fa ke mo godisa go ne go na le lesotlonyana mo go ene,” ga tlhalosa Mme Mokalaka.
“Re rutiwa gore ngwana yo o tshwarwa jang, o godisiwa jang, ka jalo gore o godise ngwana sentle, go batla o ikiteile sehuba, o ikamogele, o ipolele gore o tla kgona ka gore fa o ka ipolela gore ga o kake wa kgona ammaruri ga o kake wa kgona,” ga bua Mme Mokalaka.
Mme Talena Ramohibidu ene o kgothaditse bomme ba ba imileng go sala morago thuto tse ba di fiwang ke baoki le go godisa bana ba ba tshotsweng pele ga nako ka lorato le boineelo ba kgone go gola sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Letsatsi la mafatshefatshe la bana ba ba tshotsweng pele ga nako
Date : 19 Nov 2026





