Breaking News

Tlhako le molomo e boa seboaboane kwa zone7

17 Nov 2026

Go tshwerwe bolwetse jwa tlhako le molomo  mo dikgomong dingwe kwa kgaolong ya Zone 7, e e akaretsang metse yotlhe ya Bobirwa, Mmadinare, Robelela, Tshokwe le Tobane. 

Mookamela wa lephata la taolo mathoko a leruo, Dr Kobedi Segale o buile se, kwa phuthegong ya kgotla kwa Mmadinare, Robelela, Tshokwe ka Mosuplogo.

Dr Segale o tlhalositse fa e le lekgetho la boraro bolwetse bo tshwarwa kwa kgaolong eo mme go tlhoka tshwaragano ya bothe go bo lwantsha. 

O supile fa bolwetse bo tshwerwe kwa merakeng ya Robelela morago ga gore morui mongwe a bege fa kgomo nngwe e lebega e na le bolwetse, kgwedi e no e le lesome.

Dr Segale o tlhalositse fa kgaolo ya Robelela e tshabelelwa ke go tlhagoga GA bolwetse ka jalo, go tlhoka gore go ya pele go dirwe sengwe go thibela bolwetse.   

Kgaolo ya Zone 7 ke kgaolo e tona ka e ama di kgaolo tsa Sefhophe, Serule le Mmadinare mme se, se raya gore di kgaolo tseo le tsone di a amegile, 

Dr Segale a supa. 

A re badiri ba lephata ba ne ba tsaya matlhasedi go ya go tlhatlhobiwa mme ga itshupa fa e le bolwetse jwa thako le molomo. 

Dr Segale a re lephata la matlhoko a leruo le na le tsamaiso le melao e e tshwanetseng go salwa morago fa bolwetse bo tlhagogile, go toilsomeness gore bolwetse bo a laolesega.

Ka ntata ya madupo a re, go raya gore metsamao yotlhe ya leruo la tlhako e e maphata e emisitswe go simolola Mosupologo go fitlha seemo se siama. 

Le fa go ntse jalo o tlhalositse fa dikgomo tse di setseng di le kwa matlhabelong di tlaa tlhabiwa le nama e e kwa marekisetsong e tlaa rekisiwa.

Dr Segale o kgothaditse barui go sa kgojwa marapo ke go tlhagoga ga bolwetse ka seo se ka ba diya go laola bolwetse. A re lephata le ipaakantse go ba thusa go laola bolwetse. 

Dr Segale o tlhalositse fa go tlaabo go kentiwa dikgomo tsothe tse di mo Zone 7 mme go tlaa kentiwa go ya ka dithota, go tlhomamisa gore dikgomo tsothe di a kentiwa. 

Barui ba kopilwe go baakanya masaka le megotlha ka go kenta go tlaa simolola mo nakong ya beke. 

Dr Segale o tlhalositse fa lephata le tsere tshwetso ya gore kgaolo ya 6B, e nne e e sireletsegileng mme se se raya gore ga go na go letlelela dikgomo go fula mo kgaolong eo mme fa go ka fitlhelwa dikgomo mo go yone, di tlaa bolawa.

O rotloeditse barui go rwesa leruo manyena le gore le bo le kwadisitswe mo maranyaneng. Modulasetilo wa mophato wa Bobirwa, 

Kgosi Gabana Mooketsi, o tlhalositse fa maiteko a go kganela bolwetse a ne a tswa maduo mme go kgaolwa ga terata ke ditlou, go dirile gore seemo se tswe mo taolong. 

Kgosi Mooketsi a re go tlhomamisa gore bolwetse bo a laolesega, dikgomo tsotlhe tsa Zone 7, ga di na go letlelelwa go ya go nwa metsi kwa letamong la Dikgatlhong. 

A re go tlaa nna le dipuisano gore letamo la Dikgathong le agelelwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Nov 2026