Breaking News

Borre ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo

23 Nov 2026

Borre ba rotloeditswe go itshekatsheka gore a ba dira go lekane mo malwapeng le mo setshabeng.

Se, se builwe ke kgosi Serogola Seretse wa kgotla ya Motswedi/Thema kwa Lobatse ka Labone ka letsatsi la mafatshefatshe la borre. Mokgatlho  wa borre o ne o biditse pitso ya borre ka letsatsi leo e le matlhagola-tsela a segopotso sa bolwetsi jwa HIV/Aids se se tlaa tshwarwang Sedimonthole a rogwa kwa Lobatse.

O gwetlhile borre go ikela tlhoko gore a ba dira boikarabelo jwa bone ebile ba dira jalo ka mokgwa o o siameng.

A re bokamoso jo boeletsegang ga bo kake jwa agiwa ke borre kana bomme ba le nosi, go tlhoka batsaya karolo botlhe,

Kgosi Seretse a re bogosi bo na le boikarabelo jwa go aga boitshwaro jo bo amogelesegang mo setshabeng, a tlatsa ka gore ngwao ya Setswana e na le dintlha tse e itshegeditseng ka tsone jaaka botho, tlotlo, boikarabelo, kagisano mo malwapeng le go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko.

A re borre ba gagamatse ka fa ba rutang bana ba basimane ka teng, gore banne borre ba ba itlotlang, ba na le boikarabelo jwa malwapa a bone le setshaba ebile ba na le tlotlo mo go bomme le bana ba basetsana.

O boletse fa borre ba tshwanetse go itse botlhokwa jwa thuto, go dira ka natla le go nna le mowa wa boipelego, boleng jwa go buisana le go rarabolola dikgang ka kagiso le go dira ditiro tsa setshaba.

Modulasetilo wa komiti ya borre, Rre Jacques Makwati, o tlhalositse fa maikaelo a pitso eo, e le go bua dikgang tse di amang borre mme di simolola ka ba ba tsileng pitsong. 

Rre Makwati a re borre gantsi ba swelang ka kwa teng, ga ba amogele gore ba na le seemo gore batle ba bone thuso.

A re rre yo o nyetseng ke tlhogo ya lelwapa mme o tshwanetse go itse gore mosadi wa gagwe ke mopati wa gagwe, a supa fa dipalo tsa tlhalo di le kwa godimo.

 O gakolotse borre go direla dilo mo pontsheng kwa malwapeng a bone. A re ba abelane maele a botshelong jaaka ba gola.

 Moruti Solly Diphoko wa kereke ya Roma kwa Lobatse, a re borre bangwe ba palelwa ke go tlotla bomme, go nna rre yo o nang le molao ebile ba a inyatsa, ba na le poifo mo matshelong a bone.

A re borre ba tlotle bomme ba ba rate ba bo ba ba tlhokomele.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsopeng Borwa, Rre Moalosi Rasesia, e ne o tlhalositse fa maranyane a tsile ka diphetogo tse dintle le tse di maswe.

A re go tlhoka gore go tliwe ka tharabololo go thusa gore borre e nne batho ba ba ntseng jang.

Rre Rasesia o supile botlhokwa jwa go godisa ngwana wa mosimane sentle, go simolola fela go mo ruta go apara, le ka fa a buisiwang ka teng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Letsatsi la mafatshe fatshe la borre

Date : 23 Nov 2026