Breaking News

Kgwebo e tlodisa Nzwalingwa melatswana

25 Nov 2026

Mme Sentebile Nzwalingwa, ke mongwe wa bagwebi ba ba tswang kgakala ba ikaegile ka kgwebo ya go rekisa maungo le merogo kwa marekisetsong a motse wa Masunga. Mo potsolotsong bosheng, 

Mme Nzwalingwa o boletse fa a simolotse go tsena mo kgwebong eo ka ngwaga wa 2000 mme le mo nakong eno a santse a e tshegeditse ka maatlametlo, ka jaana e mo tlodisa melatswana e tletse. 

 Mme Nzwalingwa, yo o tlholegang kwa motseng wa Tsamaya, o kaile fa a thibeletse kwa Masunga a le mo patlong ya mebereko, mme a ne a thapiwa ga nakwana ke dikompone ka go farologana tse di neng di aga dikago dingwe gone kwa Masunga.

A re morago ga go digela tiro ya gagwe mo dikomponeng tseo, o ne a tsaya tshwetso ya gore a seka a phutha matsogo mme a inaakanye le sengwe se a ka kgonang go itshetsa ka sone. Fa a tlhalosa mabapi le go tlhoma kgwebo ya gagwe kwa Masunga go na le kwa mafelong a mangwe segolo jang kwa a tlholegang teng kwa Tsamaya, Mme Nzwalingwa o boletse fa a dirile jalo morago ga go lemoga fa motse wa Masunga o ne o itemogela dipalo tse di fa godingwana tsa batho.

A re mo dingwageng tsa maloba, theko ya dithoto tsa gagwe e ne e nametsa fela thata ka kgwebo eo e ne e ise e thologelwe ke bontsi jwa batho jaaka gompieno, a re ke ka moo a neng a kgona go tlamela bana ba gagwe ka tsotlhe tse di neng di tlhokafala, go fitlhelela ba aloga kwa dikolong.

Mme Nzwalingwa o tlhalositse fa mo ngwageng ono theko e le boutsana fela thata, selo se a boletseng fa se gakadiwa bobe ke tlhaelo ya madi e e itemogelwang mo lefatsheng leno.  

O tsweletse a tlhalosa fa mogote o o kwa godimo le one o amile ditshingwana tsa merogo tse barekisi ba ikaegileng ka tsone mme seo se bo se dira gore dikgwebo tsa bone di babalelwe ke letlhoko la dithoto tse ba di rekisang, segolo jang merogo.

Le fa gontse jalo, Mme Nzwalingwa o boletse fa bopelotelele jo a tswang goo-lowe a ikaegile ka jone bo mo thusa go wa a tsoga le kgwebo ya gagwe. A re bagwebi ba dikgwebo ka go farologana ba tshwanetse ba itse fa go sena kgwebo epe e e senang dikgwetlho, ka jalo ba tshwanelwa ke go eteletsa pele bopelotelele mo dikgwebong tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Potsolotso

Date : 25 Nov 2026