Ba na-le-bogole ba kopa kemedi
25 Nov 2026
Ba na-le-bogole ba supile botlhokwa jwa go nna le kemedi segolo jang mo maphateng a puso, go ba thusa go bona ditlamelo le ditirelo ka puo e ba e tlhaloganyang. Boikuelo jo, bo ntshitswe ke ba na-le-bogole bosheng kwa Kanye, fa ba ne ba kopane le modulasetilo wa khansele, Rre Morapedi Kgosithebe, kwa ba na-le-boswafe ba tlhalositseng fa e se setho go bidiwa maswafe ka leina le le supa go tlhoka boleng mme fela jaaka mongwe le mongwe, ba na le ditalente le bokgoni.
Mme Boemo Ramogale yo e leng mo na-le-boswafe, o kopile gore ba thusiwe ka setlolo se se sireletsang letlalo mo marang a letsatsi, le digalase tsa matlho. A re dilo tse, di turu mme bontsi jwa ba na-le-boswafe, ga ba di kgone.
Mme Ramogale o kopile gore ba na-le-bogole ba nne le moranodi wa puo mo diphuthegong di tshwana le khansele, palamente le tse dingwe. Bangwe ba ba na-leboswafe ba kopile gore dikgang tsa bo ne, di fudusiwe kwa ofising ya ba na-le-bogole ka ga se ba na-le-bogole mme, ba eletsa gore go nne le ofisi e ba ka thusiwang teng.
Rre Isaac Nkganetsang go tswa kwa Botswana Society of People with Disabilities, o supile fa madirelo ka bontsi a sena fa ba pakang dikoloi tsa bone teng, le fa ba tsamayang teng mo mebileng e e diretsweng ba tsamaya ka dinao, segolo jang fa thoko ga sekonotere.
A re seemo se, se ba ba baya mo diphatseng. O kopile gore fa puso e hira ka go iteisanya borathana, go kgaoganngwe ditlhopha, go letla ba na-le-bogole go iteisanya borathana ka bo bone. Mme Zoe Kgasa yo o dirisang kolotsana ya ba na-le-bogole, a re ga go motlhofo gore ba na-le-bogole ba nne seoposengwe ka mabaka a gore ga ba farologanngwe mme, mongwe le mongwe o na le letlhoko kgotsa dikgwetlho tse di pharologanyo mo go yo mongwe. A re go mosola go ba farologanya ka gore mang o na le letlhoko la mofuta o fe, le bogole bope fela. O supile fa boikarabelo jwa puso go ruta ba na-le-bogole bo busediwa morago ke batsadi ba ba sa amogeleng ba na-le-bogole.
“Batsadi ba rona re ba tlhabisa ditlhong, fa gongwe fa ditshono di tswa, motsadi kgotsa batlhokomedi ba fitlha mo na-le-bogole, go na le gore ba mo rotloetsa,” Mme Kgasa a tlhalosa. A re batlhokomedi ba ba na-le-bogole ba ikgagapelela dithuso tse ba di neelwang mme se, se itsa gore mo na-le-bogole a tshele botshelo jo bo rileng ka jaanong di tswela mosola ba ba seng maleba. Mme Kgasa a re, mo gare ga dikgwetlho tsa go nna le bogole , go na le makoa a mangwe a botsogo a a tlhokang madi.
O kopile Rre Kgosithebe go tlhomamisa gore ba ba reng ba direla ba na-le-bogole, ba gorosa dithuso kwa go bone.
A re bomme ba ba na-le-bogole ba tshabelelwa ke go tseelwa dikobo ka dikgoka le kiteo, a bo a supa fa le bone ka bo bone, ba lebela bangwe ka bone kwa tlase, mme se, se ba itsa go emana nokeng.
Molaodi wa kgaolo ya Kanye, Rre Mompoloki Mochanang, o gakolotse ba na-le-bogole gore ba ka tokafatsa seemo sa bone sa go kopa dithuso le go akarediwa mo ditshwetsong fa ba ka dira lenaneo la sebaka sa ngwaga tse di ka tshwarang tlhano mme ba le bega kwa komiting ya ditlhabololo go akarediwa mo lenaneong la ngwaga.
A re go tlaa rulaganngwa gore go nne le ofisi e go sa palengweng disetepisi, kwa diofising tsa kwa ga molaodi gore ba na-le-bogole ba thusediwe teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 25 Nov 2026






