Khwaere ya Mokwepa e ikaelela go fetola matshelo
04 Nov 2026
Go tsweng goo-lowe mmino le moopelo wa dikhwaere o dirisiwa go supa ngwao, go anamisa melaetsa mo setshabeng, go natefisa meletlo le gone go ntsha bodutu.
Mo kgaolong tsa Kgatleng, Kweneng le Tonota, dikhwaere ke sejo sa malatsi otlhe ka jaana e le tsone tse di tumileng thata go iteisana borathana mo medirong ka go farologana kana di nkgisana magwafa ka bo tsone go bona e leng nkwenkgoga wa kopelo le mmino wa dikhwaere.
Ka malatsi a boitapoloso a bofelo jwa ngwaga, kwa Kgatleng, magae a nna bodutu ka jaana batho ba bonelwa kwa mabaleng a dikopelo.
Go lemoga botlhokwa le serodumo sa dikhwaere mo ngwaong le matshelo a morafe wa Bakgatla, boeteledipele ba dikhwaere ka go farologana ba ne ba ikopanya le ba lekalana la UNESCO go kwadisa le go somarela tlamo ya dikopelo tsa Sekgatla.
Bosheng, dikhwaere kana dikopelo di supile fa di tsweletse ka kgolo le go ngoka tatedi e eledisang lethe, selo se se neng sa dira gore go simolodisiwe kgaisano ya dikopelo e bidiwang KOMA 48, e tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Mochudi.
Le fa gone Bakgatla ba di goga kwa pele, Bakwena le bone ba supa ba itshetletse mo mminong wa dikopelo, ka jaana dithota tsotlhe tsa kgaolo ya Mokwena di tumile ka dikopelo.
Sengwe se se papamatsang, se supa fa Bakwena le bone ba tswa kgakala le dikopelo ke go dira bontle ga khwaere ya Mokwepa mo dikgaisanong tsa Koma48.
Khwaere ya Mokwepa e itshupile fa e sena molekane ka go gapa bommampudi jwa Koma48 mo ngwageng tse pedi ka tatelano. Mongwe wa bagolwane ba khwaere ya Mokwepa, Rre Phenyo Bogatsu a re khwaere ya bone e gola ka lebelo le sosobanyang moriri.
A re go kgatlhegelwa ke ba ba eletsang go nna maloko ka dipalo tse di kwa godimo ke ka mabaka a gore ba tsepame mo torong ya bone, ya goroga kwa kanana.
Khwaere ya Mokwepa e tlhamilwe ka ngwaga wa 2008 kwa thoteng ya Ga-Ratotoboro mo Molepolole. Le fa e tlhamilwe ke manotonyana fela, mo nakong eno e fetogile komang-ka-nna mo kopelong, segatlhamela masisi se se gapileng sejana sa kgaisano ya dikhwaere ya Koma48 ka tatelano.
Rre Bogatsu a re motheo wa khwaere ya Mokwepa o nonofileng ka mabaka a gore ba dirile dipatlisiso tse di tseneletseng ka mmino wa dikopelo le go ithuta mo go bomankge ba dikopelo kwa Kgatleng.
“Fa re thama Mokwepa, re tswa go tsaya malebela kwa dikhwaereng tsa Kgatleng tse eleng ditshimega tsa kopelo jaaka Botswana-Zimbabwe le Dikakapa tsa Bodiakhudu,” ga tlhalosa Rre Bogatsu.
O tlhalositse gore go itshetlela mo mminong ke selo se se tsayang lobaka ka jalo go tlhoka Boineelo le bopelotelele.
“Re tsere dingwaga tsa ntlha tse tharo ka tatelano re ntse re leka mme go pala, maduo a nametsanyana mme e se mo re kwalelang kwa gae ka gone,” ga tlhalosa Rre Bogatsu.
O tlhalositse gore dingwaganyana pele fa ba tsenelela kgaisano ya Koma48, ba ne ba ntse ba etela dikhwaere tsa Kgatleng go ithuta sephiri sa bone sa kopelo e ntle, mme seo ba se tswakanya le se ba se tshotsweng.
“Re ne ra lalediwa ele rona khwaere ya motsenelela gareng ga dikhwaere tsa Kgatleng, mme re ne ra mekamekana le mekaloba ya Kgatleng. Maduo a rona a ne a nametsanyana mme ra tswelela ra nna ra ipaakanya diphoso,” ga tlhalosa Rre Bogatsu.
A re phenyo ya bone ya ntlha e tsile ka ngwaga wa 2025, e le lekgetho la bone ba ntse ba tsenelela dikgaisano tsa Koma48.
“Re ne re lwa ntwa re sa boele morago, re ipoleletse gore fa go padile go gapa sejana, lebala lone le ka se tlhole le mela tlhaga. Re ne re berekile thata ka nako ya ikatiso.”
Rre Bogatsu a re sephiri sa Mokwepa ke gore kopelo ya bone e tswakantse meopelo ya dingwao ka go farologanya.
A re sengwe sa botlhokwa se ba se dirang ke go sa ipone tsapa go tswelela ba etela dikhwaere tse dingwe go tsaya malebela le gone go godisa botsalano.
Khwaere ya Mokwepa ya re pheko ya yone ke gore ba tlhomamisa gore fa ba ya phadisanyong ba tla ba golotse megagamola e mesha ya dipina selo se, Rre Bogatsu a reng ke sone se se dirang gore fa ba le mo seraleng ba gatelele dikhwaere tse dingwe tse a reng ngwaga le ngwaga di tla ka dipina tse dikgologolo.
“Go lebega o kare kwa Kgatleng ba tsaya nako e ntsi ba sa tlhame ka gore dikhwaere tsa bone ka bontsi ba santse ba opela dipina tsa bogologolo. Rona re digatlhamela masisi, ga re tlhama pina ga re belaele sepe e bile re ya go tlhabana ka yone,” a tlhalosa.
A re maikaelelo magolo a khwaere ya Mokwepa ga se go kokoana go dira mmino fela, bana le toro ya go fetola matshelo a maloko le setshaba ka kakaretso.
“Khwaere ya Mokwepa ke mokgatlho o o kwadisitsweng ka fa molaong. Ke khwaere ya maphuta ditshaba; ke ya mongwe le mongwe yo ikutlwang a batla go nna leloko la yone. Khwaere e e gola ka lebelo le le tshosang mo maloko a yone a setseng a feta makgolo a mabedi,” ga tlhalosa Rre Bogatsu.
A re bontsi jwa maloko a khwaere, ke banana ba ba sa berekeng, ka jalo e lemoga botlhokwa jwa go dira ka natla gore mo isagong e kgone go ba thusa ka maano a go tokafatsa matshelo.
A re ba-na-le-bogole bone ba fiwa boloko ntleng le go lefisiwa sepe mme ebile gape ba tshwaragane le khansele go sekaseka ditlamelo tsa ba-na-le-bogole.
A re ba santse ba lwa le kgang ya gore ba bewe setsha se ba tla se dirisang e le lebala la dikopelo le go aga ofisi ya sennela ruri.
Rre Bogatsu a re o lemoga seabe sa basamaria ba ba molemo ba ba thusang khwaere ya Mokwepa go fitlhelela ditoro tsa yone jaaka khansele ya Kweneng le dikgwebo tsa Molepolole ka go farologana.
A re ba akgola puso go nna le seabe mo go tsosoloseng ngwao, a tlatsa ka gore e se ipone tsapa mme e tswelele ka go lemoga seabe sa bodiragatsi ka go farologana mo go somareleng ngwao. ENDS
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 04 Nov 2026







