Eppie o tsibosa ka kgokgontsho
10 Nov 2026
Bontsi jwa bana ba ba itemogelang dikgang tsa kgokgontsho le tshotlako gantsi ba na le poifo ya go ka ntsha mosi ka sekhurumelo mme se se ame isago ya bone ka ntlha ya kgatelelo ya maikutlo le go tlhoka tlhokomelesego go tswa kwa batsading.
Se se boletswe ke mongwe wa dikgantshwane tsa batabogi, Rre Bhekempilo Eppie mo potsolotsong morago ga mogwanto o o neng o itebagantse le go rotloetsa thata ba-na-le bogole ga mmogo le tshireletsego ya bana.
Mogwanto oo, o ne o tshwaretswe kwa Ntlhantlhe ka Labotlhano, ka fa tlase ga setlhogo sa : Ditshwanelo Tsame, Boikarabelo jwame, Bokamoso Jwame.
Mmampudi yo wa mabelo o gakolotse bana ba sekole le ba ba sa tseneng sekole go nna podimatseba mo dikgannyeng tse di ba gatelelang, segolo jang tse di ba dirang ba-tswa-setlhabelo mo go tsa kgokgontshong le tshotlako ka go ema kgatlhanong le diemo kgotsa maitemogelo ape a a ka supang diemo tsa go nna jalo mo matshelong a bone.
O gakolotse bana gore ba ithute go bua le barutabana ba bone, bagokgo kgotsa bagolo ba ba mo tikologong ka tse di ba diragalelang kwa malapeng a bone.
A re dikgang di tshwana le go thibela bana go tsena sekole kgotsa go ilediwa dithuto ke dikgang tse di diragalang mme o tsibosa baithuti botlhokwa jwa go bolelela mongwe yoo gaufi jaaka bagagisanyi, kgotsa mongwe yo o gaufi le bone.
Erile a rola maikaelelo a letsatsi mongwe wa barulaganyi ba letsatsi e bile e le mogokgo wa sekole se segolwane sa Emang kwa Ntlhantlhe, Rre Israel Tshikare, a tlhalosa fa maikaelelo e le go tsibosa batsadi le bana ka ditshwanelo tsa bana le boikarabelo jo bo solofelwang.
Mangwe maikaelelo ke go rotloetsa tshireletso ya bana kgatlhanong le tshotlako ga mmogo le go itlhokomolodisiwa ga bana, go sireletsa bana go inaakanya le diritibatsi ga mmogo le nnotagi, go tsibosa batsadi gore ba lemoge fa bana ba ba nang le bogole ba tshwana e bile ba lekana fela le ba ba senang bogole.
Rre Tshikare o sedimositse fa go le dikgang tse dintsi tse jaaka bana ba itlhokomolositsweng, ka ntlha ya gore batsadi ba bone ba ba tlogetse le bo mo nkukuabone ba ba sa tlholeng ba kgona sepe.
“Bangwe bana go itshupa fa tiro ya bone ya sekole e sa tlhokomelwe ke batsadi mme se digela maduo a baithuti le madi aa kwa tlase,” ga tlhalosa mogokgo a tlatsa ka gore bana ba le bantsi ba mo tlhokomelong ya puso ka kemo-nokeng ya dikhansele, mme e le bana ba ba nang le batsadi.
Fa a tsibosa ka molao tebang le kgokgontsho kgotsa tshotlako ya bana, Constable Onkutlule Boifang go tswa kwa Lobatse Child Friendly Centre o tlhalositse gore go palelwa ke go bega kgetse ya ngwana yo o tlhokang tshireletso kwa ntle ga lebaka le le utlwalang go ka baka gore motho a lefisiwe madi a a seng kwa tlase ga P5,000 mme a sa fete P10,000.
O tlhalositse fa mo molaong wa bana wa 2009; Section 25 sub-section 3, o tlhalosa fa go dirisana le motho yo mongwe yo o sotlang ngwana ka thobalano kgotsa yo o mo dirisang botlhaswa, go ka atlholelwa tuelo e e seng kwa tlase ga P30,000 mme e sa fete P50,000 kgotsa kgolegelo ya sebaka se seng kwa tlase ga dingwaga di le tlhano mme e sa fete dingwaga di le 15.
A re go palelwa ke go bega kgetse ya tshotlako ya ngwana kgotsa tiriso botlhaswa ya ngwana go ka atlholelwa madi a a kwa tlase ga P10,000 mme e sa fete P30,000 kgotsa kgolegelo e e seng kwa tlase ga dingwaga di le pedi mme e sa fete dingwaga di le tharo kgotsa ka bobedi joo.
O tlhalositse fa go tlhokomologa le go tshwara bana botlhaswa, mo go ka bakelang modira molato go lefisiwa madi a a seng kwa tlase ga P5,000 mme a sa fete P20,000 kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong lobaka lo lo seng kwa tlase ga dingwaga di le thataro mme e seng kwa tlase ga dingwaga tse pedi go ya ka Section 56, sub-section 1 mo molaong wa bana wa 2009.
A re Section 61 mo molaong o, e supa fa go tshwarwa bosetlhogo kgotsa go otlhaya ngwana go ka atlholelwa tuediso e e seng kwa tlase ga P30,000, mme e sa fete P50,000, kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong lobaka lo lo seng kwa tlase ga dingwaga di le supa mme e seng go feta dingwaga di le lesome kgotsa melato e ka bobedi.
Go ganela ngwana ka tshono ya go tsena sekolo go ka atlholelwa madi a a seng kwa tlase ga P5,000, mme a sa fete P10,000, fela jalo le go thapa ngwana wa dingwaga tse di sa letleng go se ka fa molaong e bile go ka atlholelwa dikgwedi tse di seng kwa tlase ga lesome le bobedi mme e seng go feta dingwaga di le tlhano kgotsa madi a a seng kwa tlase ga P10,000 mme a sa feteP30 000 kgotsa melato e ka bobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : MOGWANTO
Date : 10 Nov 2026






