Mapodisi a duba thankga ko Tsabong
10 Nov 2026
Mapodisi a Tsabong kwa Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke borukutlhi jo bo farologanyeng jo bo ileng magoletsa bogolo jang jwa didirisiwa tsa motlakase. .
Mo potsolosong le ba BOPA bosheng mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Monnathebe Mphela o ne a tlhalosa fa bogodu jwa kopore bo ile magoletsa bogolo jang mo matlong a puso a go sa nneng ope mo go one.
Supt Mphela o ne a tswelela a tlhalosa fa go simolola ka Lwetsi ngwaga oo fetileng go fitlha mo nakong eno ba setse ba gatisitse dikgetsi di le boherabobedi. A re magotswana ao go ya ka ditlhotlhomiso tsa mapodisi go lemosegile fa ba tsweletse ka go senya le go utswa le gone go gokolola megala ya motlakase mo matlong aa setseng go sena ope morago ga gore badirelapuso ba huduge go ya go berekela go sele.
Supt Mphela o ne a supa fa gape magodu ao a utswa le mo motseng wa Tsabong mo matlong a a sa nneng ope mo go one, a supa fa mapodisi ba tshwere badira molato ba le batlhano le moreki a le mongwe mo palong eo mabapi le borukutlhi joo.
O ne a supa fa gape ba tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di kekelang mo kgaolong ya gagwe ka mapodisi ba setse ba gatisitse di le boherabobedi ngwaga oo fetileng fa ngwaga ono di le borataro.
Supt Mphela o boletse fa dikgang tse gantsi di amang bomme mme ditshekatsheko di supa gore tlhakanelo dikobo eo ee sa dumalanwang e diragala morago ga maitiso a marekisetso a bojalwa.
A re gantsi badiramolato ke bakapelo ba bomme bao.
Mo godimo ga moo, Supt Mphela a re mapodisi ga ba jesiwe dilweng ke dikgang tsa tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boherabobedi tse tsone di leng tlhano ka palo go tswa ngwaga oo fetieng go fitlha mo ngwageng ono.
Supt Mphela o boletse fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho tse di felelang di baka dintwa tse di le tsone di ileng magoletsa ka mapodisi ba setse ba begetswe di le borataro ngwaga oo fetileng mme ngwaga ono ba gatisitse di le lesome.
Mookamela mapodisi a Tsabong o boletse fa borukutlhi jo bongwe jo bo kwa godimo kwa kgaolong ya gagwe e le jwa bogodu jwa dihutshane jo bo simologileng morago ga gore go bulelwe go tlhabiwa ga tsone ka jaana go ne go tswaletswe ka lebaka la go laola kanamo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo.
Supt Mphela o boletse fa magodu ba utswa dihutshane morago ba di tlhabe mme ba rekisetse setshaba ka bokukuntshwane, a tlatsa ka go gakolola setshaba go emisa nama kwa go sa letlelesegeng teng mme ba e reke kwa marekisetsong a nama ka a na le diteseletso le gore nama e a bo e tlhatlhobilwe.
Supt Mphela o ne a supa fa ba setse ba gatisitse dikgetsi di le lesome le botlhano ts bogodu jwa dihutshan, mme ba ne ba tshwara badira molato ba le lesome le bongwe a supa fa badisa gantsi e le bone ba amegang mo borukutlhing joo.
Mo go tse dingwe mookamela mapodisi a Tsabong o ne a supa fa ba tshwenngwa gape ke bangwe beng ba marekisetso a bojalwa ka modumo oo kwa godimo e bile ba ntsheditse diletso tsa bone kwa ntle mme seo e le molato o ba ka atlholwang madi aa sa feteng P500,00.
O ne a gakolola le beng ba dikereke dingwe ka le bone jaanong go utlwala modumo oo feteletseng bogolo jang mo maitseboeng mme a ba kopa go ikgapha ka go dira jalo ka go sa letlelesege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 10 Nov 2026







