Ba Mophane Bushwalk ba rolela sekole ditafole
11 Nov 2026
Maloko a mokgatlho wa Mophane Bushwalk ba baakanyeditse sekole se segolwane sa Kgatadimo kwa Kgagodi, ditafole di le masome a supa, tse di neng di senyegile e bile di sa tlhole di dirisiwa.
Mophane Bushwalk ke mokgatlho o o ietebagantseng le botsogo, segolobogolo go itshidila mmele.
Basimolodisi ba mokgatlho, Rre Palo Mokwena le mohumagadi wa gagwe, Mme Mphoentle, o supile fa ba kgonne go thusa sekole seo ka dithuso go tsweng kwa batho ka go farologana le beng ba dikgwebo.
O kopile setshaba go thusa, gore mokgatlho o kgone go wetsa tiro, a supa fa ba tlaa tlhokomela sekole sa Kgatadimo ka sepe se ba ka se kgonang. Mme Mokwena o supile fa se mokgatlho o se dirileng, e le lengwe la matshego a bone, go direla setshaba.
Mme Mokwena a re mokgatlho o, o thailwe monongwa mme o tlaa rolelwa morafe gore e nne o ne o o tsamaisang.
Mme Mokwena a re ka Mophane Bushwalk e le mokgatlho wa morafe, ba tshwanetse gore go nne le sengwe se ba se direlang morafe. A re tsholofelo ke gore mokgatlho o gole o tlhamele banana mebereko mme, seo se ka kgonega fela ka thotloetso ya morafe.
Mogokgo wa sekole, Rre Christopher Mudala, o lebogile pharologanyo e mokgatlho e o dirileng kwa sekoleng.
Rre Mudala a re sekole se tlhaelelwa ke ditilo le ditafole tsa barutabana le baithuti mo barutabana ba felelang ba dirisa ditilo tsa baithuti tse le tsone di tlhaelang.
O kopile baithuti go tlhokomela ditafole, a re mokgatlho o tlhabolotse seemo sa sekole ebile baithuti ba tlaa ithutele mo tikologong e e siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Kgagodi
Event : Kabo dimpho
Date : 11 Nov 2026






