Makhanselara ba itlama go thusa go latlha matlakala
12 Nov 2026
Makhanselara a Lerala ba tsere tshwetso ya go thusa go tsaya matlakala mo motseng go a isa kwa sekiting sa matlakala, gangwe fela mo kgweding ba dirisa dikoloi tsa bone.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Lerala, e e neng e buisiwa ke makhanselara a motse, Rre Loeto Tsebenyane, yo eleng mokhanselara wa Lerala bophirima, a re ba kopile gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, di thape batho ba le babedi kana ba le bararo go thusa go latlha matlakala ba dirisa dikara tsa ditonki.
A re se ke maiteko a bone go phepafatsa Lerala a ba a kopa banni go tlhokomela ka fa ba latlhang matlakala ka teng, a re ba dire se ka kelelelo le boikarabelo.Rre Tsebenyane o tsweletse a re ba tshwentswe ke go senngwa ga dipone tse di mo motseng.
‘Di a thulwa, di robegile, di sekame. Ke kopa re tlhokomeleng dilo tsa rona,’ a tshwaela. O kopile banni ba motse go thusa ka go fa ditsela tsa motse maina, a re seo se botlhokwa.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Lerala botlhaba, Rre Andrew Supang a re lephata la kabo ditsha le tsweletse ka go senka le bo le sega ditsha tse le tlaa di abang kwa Lerala.A re ba setse ba supile fa ba bone ditsha dile 2100, mme ba tlaa simolola go di aba mo nakong e e sa fediseng pelo.
O kgothaditse morafe go tswelela o tsenya dikopo tsa ditsha.Rre Supang o tsweletse a re madi a ditlhabololo a CCP, a tlaa goroga mo nakong e e sa fediseng pelo.
‘Ngwag o o fetileng, a ne a sa goroga, mme re a solofetse gore re tsweledise ditlhabololo tsa rona mo motseng,’ a rialo. O tlhalositse gore madi a, a P10million, a kgaoganngwa metse e le 21 ka go lekalekana.
Rre Supang o tsweletse a kopa banni go ikopela lenaneo la motlakase wa mahala, kgokelelo ya metsi, a re mananeo ao a tsweletse. Fa a amogela baeng mo kgotleng, Kgosi Ookeditse Shaw o ne a bega gore Ngwanatsele a le masome mabedi le bone, ofise ya sepodise e tlaa bulwa semmuso.
Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa ba sa itumelele ka fa madi a diporojeke tsa baagi tsa kgaolotlhopho (CCP), a abiwang ka teng.
Ba re madi a tshwanetse go kgaoganngwa ka dipalo tsa makhanselara, e seng tsa metse, ka se se ba baa ka fa mosing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Lerala
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Nov 2026





