Breaking News

Bangwe ba ba tshelang le mogare ga ba a ikamogela

26 Nov 2026

Mongwe wa baithaopi ebile a a fa bogakolodi mo go tsa botsogo mo Lobatse, Mme Boipelo Lekolori a re maiteko a go fedisa mogare wa HIV a busediwa kwa morago ke gore bangwe ba ba tshelang ka one, ga baa ikamogela.

Mme Lekolori wa dingwaga tse di masome a mane le bosupa, e bile a tshela ka mogare wa HIV o buile jalo mo potsolotsong le BOPA a bolela gore o na le dingwaga di feta lesome a tshela ka mogare. 

O boletse fa a dirile tlhatlhobo ya gagwe ya mogare a sa lwale a siame fela mme a re le morago ga a sena go simolola kalafi e e ritibatsang mogare, ga a ise a itemogele phetogo epe kana ditlamorago dipe, ka jalo a supa gore go itlhatlhoba o itekanetse, o bo o sala ditaelo tsa ba botsogo morago go botlhokwa. 

A re gore a dire tiro ya boithaopo, o gwetlhilwe ke go bona bangwe ba ba tshwerweng ka mogare ba sa ikamogela mo ba felelang ba tlogela melemo mo tseleng mme seo se tsenye botshelo jwa bone mo diphatseng.

A re seo se supa gore motho waabo a sa ikamogela e bile go sena ope yo a mo itekodisitseng ka seemo sa gagwe mo lwapeng. 

O sedimositse gore batho bangwe fa gotwe ba bue maina a batlhokomedi ba kwala ditsala tsa bone, mme seo se dire tiro thata gore motho yoo o ka bonwa kae.

O tsweletse a re e nngwe e e tshwenyang ke gore bangwe ga ba kgone go fuduga semmuso ka tsa bone tsa bongaka fa ba ya go sele.

Mme Lekolori o tsweletse a bolela gore fa gongwe motho o tlolwa ke gotla go bona ngaka kana go tsaya melemo ka lebaka la go tlhoka madi a sepalamo, fa bangwe ba tsaya bongaka mo Lobatse mme motho a nna kwa Maun. 

A re se ke sesupo sa gore kwa a ileng teng ga a batle go bonwa gore o tshela le mogare, mme a tsenye matshelo a batho ba bangwe mo diphatseng.

O boletse gape gore bangwe ba tlogela bongaka le melemo kwa ba nnang teng mme baye go itira balwetsi ba basha kwa mafelong a mangwe fa motho a setse a bona gore bolwetsi bo a mo gatelela.

A re o eletsa puso go sekaseka gore a batho ba ba tshelang le mogare mme e bile ba tshela le malwetsi a a sa tshelanweng ba bone ditlhatlhobo le go itekodisa malwetsi ao mo letsatsing le le lengwe fela.

O gakolotse setshaba gore se tseye ditlamelo gaufi le kwa ba nnang teng bogolo jang tsa botsogo, a tlatsa ka gore dithuto kwa dikokelong le dikokelwana dingwe di a dirwa go fa bogakolodi le gone go araba dipotso dipe fela tse setshaba se tlhokang dikarabo tsa tsone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Potsolotso

Date : 26 Nov 2026