Breaking News

Theko ya sengaparile e oketsegile

03 Nov 2026

Banni ba metse e e farologanyeng mo kgaolong ya Kgalagadi borwa, e ne ya re bosheng, ba rekisetsa khamphani ya Matebele Milling Company ya Mochudi sengaparile.

Mo potsolotsong, molomaganya ditirelo tsa lephata la dikgwa le dibapalwa nageng mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Lesika Basalomi o tlhalositse fa monongwaga, ditlhwatlhwa tsa theko di ne di le botoka ka ba bapadi ba ne ba e rekisa ka P42 khilokereme, go nale P40 ngwaga o o fetileng.

Se, Rre Basalomi a re se supile kgolo ka go ne ga rekisiwa sengaparile sa selekanyo sa 15 855kg, mme se rekilwe ka madi a a kanang ka P665,973, a a duetsweng babapadi mo metseng e e farologanyeng.

O supile fa go nnile le koketsego ya thekiso mo kgaolwaneng e e akaretsang metse ya Gakhibana, Middlepits, Omaweneno, Kokotsha, Werda le Makopong a tlatsa ka gore ba metse e e mabapi ba ne ba latela thekiso kwa metseng e, mme kgwetlho ya nna letlhoko la dikoloi go pega dithoto tsa bone.

O tlhalositse fa kgaolo ya Kgalagadi e segofaditswe ka semela sa sengaparile se se bapalwang ngwaga le ngwaga ka jalo banni ba kgone go oba letsogo go tshedisa ba malwapa a bone.

Rre Basolomi a re go bapala sengaparile go na le dikgwetlho tsa bokgakala, go se epa, kgonagalo ya go kopana le diphologolo tse di borai le digagabi mo nageng, a re ka jalo theko e tshwanentse go nna e e botoka.

Molomaganya ditirelo tsa lephata la dikgwa le dibapalwa nageng o supile fa babapadi ba sengaparile ba tlhoka thuto mabapi le ka fa se epiwang ka teng ka seo se ka thusa gore se seka sa nyelela gore le dikokomane tse di tlang di fitlhele se le teng.

Rre Basolomi o tlhalositse fa e tlaa re mo bogaufing, ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng ba simolole diphuthego tsa kgotla go tsibosa banni ka molao wa dipapalwa nageng.

A re dipatlisiso di supa fa se nale mosola mo botsogong le gone go tokafatsa matshelo a Batswana.

Mongwe wa babapadi ba sengaparile go tswa kwa Omaweneno, Mme Elizaberh Kgotshane (57) o supile fa ngwaga ono a ne a itomile molomo wa tlase ka go rekisa dikgetsana tsa 50kg di le lesome le bongwe.

Mme Kgotshane o boletse fa a tsweletse ka go tlhabolola botshelo jwa gagwe ka tiro ya diatla bogolo jang mo dibapalwa nageng e leng sengaparile le mahupu.

A re monongwaga o kgonne go reka dilwana tsa ntlo le go tlhokomela ba lelwapa la gagwe ka madi a Thekiso ya sengaparile.

O gwetlhile babapadi ba bangwe mo kgaolong eo go bopa mokgatlho o ka one ba ka kgonang go ipopa ba bua ka lentswe le le lengwe mabapi le ditlhwatlhwa tsa theko tse di leng kwa tlase thata mo nakong ya gompieno. BOKHUTLO 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 03 Nov 2026