Polokwe o ipelela go dira ka bonatla
03 Nov 2026
Sekole se se botlana sa Polokwe, e ne ya re bosheng, sa ipelela maduo a mantle a lekwalo la bosupa jaaka baithuti ba le lesome le bosupa ba ne ba baa sekole seo mo maemong a ntlha.
Sekole se, se gaisitse dikole tse dipotlana di le lekgolo, masome a mabedi le bosupa mo kgaolong ya borwa mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ngogola.
Mo go lemogeng setlhopha seo kwa moletlong yo o neng o tshwaretswe kwa Polokwe, moithuti mongwe le mongwe o ne a bona moputso wa madi, jaaka fa baithuti ba le barataro ba letshwao la “A” ba abetswe makgolo a mane a dipula, ba le bararo ba letshwao la “B” ba abetswe makgolo a mararo, fa ba le boferabobedi ba maemo a “C”,ba bonye makgolo a mabedi a dipula mongwe le mongwe se e le tebogo le thotloetso mo go berekeng ka bonatla.
Kwa moletlong wa go ipelela katlego eo, motshwarelela mookamela kgaolo ya borwa go tswa kwa lephateng la tlhokomelo ya bana le thuto gotswa kwa moding, Rre Tumelo Rakgabo o rotloeditse sekole seo go tshegetsa maemo ao ka nako tsotlhe.
Rre Rakgabo o tlhalositse fa matshego a mararo a pitsa e bong barutabana, baithuti, batsadi kgotsa morafe ga mmogo le kemonokeng ya boeteledipele jwa motse, bo berekile ka tshwaragano le botswerere gore sekole seo se kgone go ntsha maduo a mantle.
O akgotse mogokgo wa Polokwe, Rre Charles Sehularo le ditlhopha tse a dirang le tsone ka tiro e e duleng diatla.
Mo potsolotsong, Rre Sehularo o tlhalositse fa maduo a mantle a dule morago ga go tsamaya tsela ya kwelo tlase le koketsego ya maduo mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng jaaka fa ka ngwaga wa 2021, se gapile 78.6 per cent, ka 2022 sa bona kwelo tlase go ya kwago 75 per cent, fa ka 2023 maduo a ne a tlhatloga go nna 90.9 per cent, le 94.1 per cent ka 2024.
A re ka 2025, sekole se ne sa bona phitlhelelo ya 100 per cent, e le matshwao a abeileng sekole seo kwa tlhogong e le lantlha mo ditsong.
Mogokgo o tlhalositse fa katlego ya sekole seo, e dirilwe ke go goga
barutabana le go rutuntsha baithuti ka tiriso ya ditselana tse di farologanyeng di akaretsa go tseela tlhatlhobo kwa gae, go kwala tlhatlhobo e go bulwang dibuka tsa thuto ka nako ya dithuto, le go dirisa dipampiri tsa ditlhatlhobo tse di fetileng.
O tlhalositse gape fa go ela tlhoko le go tshegetsa lenaneo la tiro ya sekole go thusitse barutabana go diragatsa ithutuntsho ba sa salwa morago e bile go rotloetsa go diragatsa thulaganyo ya go ruta.
Rre Sehularo a re ba-na-le seabe ka go farologana ba tshwana le komiti ya batsadi le barutabana le bone ba ne ba tsisa pharoganyo ka ba ne ba thusa ka kapei le go rotloetsa bana.
A re ba-tsaya karolo ba bangwe segolo jang ba dikgwebo ba rotloeditse ka go tsaya boikarabelo jwa go thusa mo matlhokong mangwe jaaka go aga ntlwana ya borutelo ya ba ba ipaakanyetsang go dira mophato wa ntlha, go aga matlwana a boitiketso a a dirisang metsi, go dira tshingwana ya merogo, go reka fologa ya lefatshe le go baya matshwao a a kayang sekole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 03 Nov 2026







