Mophato o botlhokwa mo go lwantsheng borukutlhi
29 Oct 2026
Mophato o na le seabe mo go tshwaraganeng le tirisano mmogo ya morafe go netefatsa, pabalesego ya setshaba.
Se se builwe ke Rre Wonder Masebola yo e leng moitseanape wa tsa bojanala le pabalesego ya tikologo kwa phuthegong ya kgotla kwa Mmadinare ka Labobedi jaaka Kgosi Mphoeng Mphoeng a ne a bolotsa mophato wa bomme le borre ba le masome a supa.
Mmadinare ke mongwe wa metse e e gaufi le molelwane o o kgaoganyang Botswana le Zimbabwe mme barui ba koo ba tlhorentshiwa ke go utswelwa leruo.
Ka jalo se se ne sa tlama Kgosi Mphoeng go bolotsa mophato o o tlaa itebaganyang le go lwantsha bogodu jwa leruo, botlhoka tsebe jwa banana, kgokgontsho, tiriso ya bana botlhaswa le tse dingwe tse di tlhokisang morafe kagiso.
Rre Masebola o tlhalositse fa mephato e se selo se se sesha mme e tswa kgakala e ntse e le teng e bile e ne e ntsha maduo jaaka le mo nakong ya gompieno e santse e ikanyega mo go direng ditiro tsa morafe.
Rre Masebola o tlhalositse fa tiro ya mophato e le go tshwaraganya morafe ka jalo a kgotlhatsa maloko a mophato go itlotla le go bereka sentle le morafe gore tiro ya bone e nne motlhofo.
O ne a tlhalosa fa molao o letlelela kgosi go tlhoma mophato fa go na le dilo dingwe tse a bonang di sa tsamae sentle.
O ne a gatelela fa mophatlo o sa tshwanela go inaakanya le tsa sepolotiki ka se se ka ba paledisa thomo e ba e neetsweng.
Rre Masebola o ne a ba gakolola fa tiro ya mophato e le ya boitlhaopo e bile e na le dikgwetlhoko tse ba yang go kopana le tsone ka jalo e bata borre le bomme ba ba ikemiseditseng go e dira le fa diemo di le thata.
O tlhalositse fa go tlhamiwa ga mophato go le botlhokwa ka go lwantsha borukhuthi e se maikarabelo a ba sepodise fela mme go le botlhokwa gore le morafe o tsenye letsogo go bona gore dithoto tsa bone di sireletsegile.
O ne a tlhalositse fa itsholelo ya lefatshe e ikaegile ka nama ya kgomo e bile e le yone banka ya Motswana ka jalo e tlhoka gore e sirelediwe ka ditsela tse di farologaneng.
Erile a tswa la gagwe mogokaganyi wa dikgang tsa go utswuwa ga leruo go tswa kwa Bobirwa Kgosi Gabana Mooketsi o tlhalositse fa mophato o o sa tswang go tlhomiwa ke Kgosi o ya go itebaganya le go tlhokomela terata ya matlhoko a leruo go tswa kwa Matopi go ya go tsena kwa Maleje.
Kgosi Mooketsi o ne a re se ke go tsweledisa maiteko a go lwantsha bogodu jwa leruo kwa kgaolong ya Bobirwa.
A re maduo a go lwantsha bogodu a a bonala ka bogodu jwa leruo bo fokotsegile fela thata mme a re se se kgonagetse ka tshwaragano ya ba na le seabe jaaka mapodise,ba sesole le morafe.
O ne a re se se molemo ke gore tiro e ba e tshwaraganetse le ba mafatshe a a mabapi jaaka la Zimbabwe, Zambia le South Africa.
O tlhalositse fa go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo go apesitse lefatshe kobo ka letshoba mme a akgola ba kgaolo ya Zone 7 ka ba berekile ka natla go tlhomamisa gore bolwetse ga bo tlolele mo kgaolong ya bone.
O ne a re se ke maiteko a a tshwanetseng go lebogelwa ka batho ba ne ba dirisa ditsompelo le nako ya bone go tlhomamisa gore ba busetsa terata mo seemong go laola motsamao wa loruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Mmadinare
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Oct 2026







