Kekgonegile o kopa batsadi go tlhokomela bana
29 Oct 2026
Ga go amogelesega gore motsadi a itlhokomolose pabalesego le tlhokomelo ya ngwana, ka go baya dikeletso tsa gagwe kwa pele.
Mopalamente wa Maun botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile, o kgalemile batsadi ba ba fitlhang dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana, ba gabile go akola tlhokomelwa go tswa kwa badiramolato.
Rre Kekgonegile o buile se kwa phuthegong kgotla e e neng e tshwerwe ka Labobedi kwa kgotleng ya Matshwane ka Labobedi. A re, dikgang tsa go dirisa bana botlhaswa di golela pele kwa kgaolong ya Bokone bophirima mme batsadi e le bone ba ba ka di fetsang.
“Fa batsadi ba rotloetsa tiriso botlhaswa ya bana, dikgang tsa bana ba ba itsholofelang ba le dingwaga tse di kwa tlase, ga di ka ke tsa fela,” Rre Kekgonegile a tlhalosa.
Rre Kekgonegile o kopile banni go boela mo tsamaisong ya pele ya malapa le baagisani ba ba neng ba tshwaragane go godisa bana, a gatelela gore tshireletso ya bana ga e a tshwanela go tlogelelwa batsadi ba le nosi, mme e tlhoka tirisano ya morafe otlhe.
Fa a lekodisa seemo sa kgaolo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa kgotleng ya Matshwane, Rre Thomas Kahaka, o supile fa seemo sa banni kwa Matshwane se ngomolang pelo ka ba itlhokomolositse go sireletsa bana ba bone mo diphatseng tsa tlhakanelo dikobo.
Monni wa Matshwane, Mme Molly Diteko, o tlhalositse fa go tlhoka boikarabelo ga batsadi go bakiwa ke go nwa bojalwa, mo go ba itsang go tlhokomela bana sentle mme a tlhalosa fa molao o tshwanetse go gagamadiwa go otlhaya batho ba go nna jalo.
“Bana ba tlhakatlhakana le batsadi mo mafelong a majalwa mme ke gone ko ba bonang dikgang tsse di maswe tsa tlhakanelo dikobo ba bo ba ima ka dipalo tse di kwa godimo,” Mme Diteko a tlhalosa.
Modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Itumeleng Kelebetseng, o gateletse tirisano mmogo ya morafe mo go lwantsheng dikgang tsa go dirisa bana botlhaswa le tlhokomelo ya bone.
A re khansele ya Bokone Bophirima e tsere dikgang tsa bana ka tlhwoafalo ebile e tsweletse ka go dirisanya mmogo le ba molao, go sireletsa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaolethoo Kgatitswe
Location : Maun
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Oct 2026






