Poko gase mme mpha bogobe
28 Oct 2026
Mmoki go tswa Matsiloje, Rre Moanamise Machola, a re poko e mo mading a gagwe, ga se selo se a se rutilweng. Rre Machola, o tsene dithuto tsa bodiragatsi jwa serala le dibaesekopo kwa AFDA, kwa Gaborone. A re talente ya gagwe ya go boka, e sa le e itshupa a santse a fatlhoga, e le moithuti wa sekole se se botlana. “Ke mmoki wa tlholego. Lorato lwame lwa puo ya setswana ke lone lo nkgogetseng mo pokong ka gore ka poko, ke gololesega go kgabisa ke bo ke thetha ka puo ya gaetsho,” Rre Machola a tlhalosa. Bothakga jwa gagwe a re o bo supa kwa meketeng ya selagae le mo medironggo ya go natetsha, ke dikhamphane le maphata a puso. Rre Machola o ikaya e le segatlhamela masisi sa poko ka o kgona go lalediwa le diphitlho, go gomotsa ka poko. Ka e le modiragatsi, o fitlhelwa gape mo setshwantshong sa thelebishini se se tshamekang mo BTV sa Botshelo, a tshameka karolo ya ga Mawila. O tlhalosa fa kemonokeng ya batsadi ba gagwe le thotloetso ya Batswana di mo tiisitse moko go tshwara ka thata. Batsadi ba ne ba sa nkgaupetse go dira se ke se ratang ebile, ke se dira ka bokgabane ka gore go le bone ba ne ba lemoga go tlola ditlhase game mo pokong, Rre Machola a supa. A re o kgona gore a pele ga a ya go boka mme gongwe a thuthuntshe fela, go tswa mo goreng, tiro ke ya mofuta mang. “O kgona go fitlhela e le gore o bolelelwa gone foo, a bo o betsega o ya go palama serala, o se na nako ya go ithulaganya. O ubuga fela fa o tsena kwa o leba batho a bo o ba tsatsanka, o ba sega metshetshe. Fa ke nnile le nako ke laleditswe go sa le nako, ke nna fatshe ke a tlhama ke bo ke kwala leboko le le kwenneng a bo ke ikatisa, segolo jang fa ke ya go boka kwa dintshong kana fa pele ga ga Tautona le matona a puso ka gore, e a bo e le tiro e e faphegileng thata,” Rre Machola a tlhalosa. Le fa go ntse jalo, a re poko e a berekwa. A re fa mmoki a setse a le mo seraleng, tlhaloganyo e bereka phetelela, sepe se ditsebe di se utlwang, se matlho a se boning, se ka latlhelwa, e ka nna medumo ya sepe se se mo tikologong e mmoki a leng mo go yone ka nako eo kana dikgang tse di buiwang foo di le botlhokwa. O kgona go fitlhela o buile lefoko lengwe a bo ke le dirisa go aga leboko ka lone, Rre Machola e supa. “Go a kgamathiwa, gore o se ka wa tshokane o rile tu! mo gare ga serala kana wa tswa foo o idibaditswe ke letshogo. O a fufula, madi a pompa ka lebelo le kwa godimo e le letshogo, o rata le o sa rate mme lone letshogo le gape le botlhokwa ka gore ke lone le go thusang go tsepama mo segalong sa gago go fitlhelela o wetsa,” Rre Machola a supa. A re ga a wele mo isong ka poko e mo tlodisitse melapo mme mo go tsotlhe tse di mo diragaletseng, ga gona e e gaisang mpho ya kgomo e a neng a e belwa ke tautona wa pele, Sir Ketumile, a sena go mmoka motlha mongwe. O supile fa go tsena sekole a ithutela bodiragatsi, go mo file motheo o o mashetla. A re go tswa bogologolong, mmoki o ne a ntse a le botlhokwa, a rongwa ke morafe go isa molaetsa, matshwenyego le ditebogo kwa bagolwaneng. “ Le ka jeno go ntse jalo, re batlhanka ba setshaba, re romeng, ga re natefise fela re bowa re kgala le go gakolola fa go tlhokega, go le monate ka dinyao gore molaetsa o goroge kwa o tshwanetseng,” Rre Machola a supa. A re mo maitekong a puso go thusa bodiragatsi, o kopa gore bo lemogiwe go feta jaaka go ntse ka gore mebereko e ka bonala. “Fa o mpha kemo-nokeng ka tsotlhe tse di ka nthusang go gola jaaka dithuso tsa madi, ke gone nka ntshang maduo mme ka kgona go itlhamela mmereko ke bo ke kgona go hira ba bangwe. A puso gape e rute Batswana gore ka bodiragatsi o ka ipaya thothi wa bo wa oba lebogo,” Rre Machola a kgothatsa. A re seriti sa baboki se santse se le teng mme a kgothatsa baboki ba sesha go ithuta mo batlapele. “Re santse re ithuta, re gata ka matsetseleko mo ditlhakong tsa batlapele jaaka bo Rre Ponatshego Mokane. Baboki re santse re tsholegile sentle mo setshabeng. Poko e a tlotliwa, ke meletlo e se kae e o ka fitlhelang go sena mmoki. Seo ke sesupo sa gore poko e a ratiwa e seng mo Botswana fela le mafatshe a a mabapi, a a sa tlhaloganyeng puo ya setswana, o fitlhela ba rata ebile ba kgona go ntaletsa meletlo ya bone,” Rre Macholaa supa. A re se se mo tlhatswang pelo ke gore le fa Botswana a na le dingwaga di le masome a marataro a le mo pusong ya batho ka batho, babusi botlhe ba tlhomamisa gore puo le ngwao tsa Setswana ga di mediwe ke merero ya merafe e mengwe. A re kapari mo pokong e tshwanetse ya nna sone sekao. “Kapari e go tomola fa gare ga matshwititshwiti mme e go supe gore yo mmoki. E go fa seriti gape e supa ngwao le ditso,” Rre Machola a supa ka boitumelo. O kaile gape gore mmoki fa a sena mogolokwane o a bo a tlhotsa, a sa felela, ka gore bobedi jo ke di ya thoteng mmogo. A re go boka kwa losong, mogolokwane o kgadiepediwa fela ka nako ya segopotso sa moswi go nne e yaabo e le nako ya go ipelela botshelo jo moswi a bo tshedileng g le ba masika le ditsala mme a re poko e sa tlhokeng mogolokwane ke ya letsatsi la phitlho go nne ke nako e e masisi ya khutsafalo. O kgothaditse banana go tsholetsa ditlhako fa ba ba batla go nwa mamepe a bodiragatsi ka gore bodiragatsi ga bo jese ditshwakga, ke dinatla fela tse di tlhaloganyang gore ga gona kgomo ya boroko. “Ga se mme mphe bogobe. Fa o batla go semelela ga o na nako ya roba sogo, lwaya ka gotlhe ebile o itepatepantse le dinako,” Rre Machola a gakolola. A re o inaakantse le dinako ka go leka go tswakanya poko ya gagwe ka diletswa tsa segompieno. Mo nngweng ya dipina tsa gagwe tse di rategang thata, e a e kopanetseng le Boineelo ‘Dj Bino’ Othusitse e e bidiwang Katarina,’o supa ka poko bosetlhogo jwa go rojwa pelo ke mme yo a neng a dumela gore ke lone legopo la gagwe. “Ke a leka fela thata go itsenya mo bathong. Gone jaana ke rulaganyetse maitiso ame a ke a biditseng ke re ‘Still Becoming’ a ka one ke biditseng badiragatsi jaaka Motlha Mompe, Diratsagae Captain Dira Mahupela le ba bangwe go tla go ja mmino le poko ka fa re sekaseka tsela ya botshelo. A tlaabo a tshwaretswe mo Gaborone mme ke santse ke tabogile le go batla lefelo le a tlabong a tahwaretswe kwa go lone sentlesentle,” a e garela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 28 Oct 2026






