Ba rotloediwa go bereka ka natla le botswapelo

27 Oct 2026

Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Tswapong Bokone ba rotloeditswe go berekela ka natla le botswapelo. Se, se builwe kwa ithutontshong ya maloko, e e neng e tshwerwe ke khansele ya Palapye kwa Lecheng.

Modulasetilo wa khansele, Rre Kabo Ketshogile, o tlhalositse fa tiro ya go etelela setshaba e le bokete ebile e tlhoka moeteledipele wa motia. O tlhaloseditse maloko gore go tlhophiwa ga bone go supa fa ba tshepiwa ke morafe.

Rre Ketshogileo o kgotlhaditse maloko go tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo, a re ba tswe ka megopolo ya go direla metse ya bone le go itlhamela ditiro. O kopile maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go tsenya letsogo gongwe le gongwe jaaka kwa dikokelong le dikole, go tokafatsa le go tlhabolola metse.

A re ba etelele morafe ka seriti le boammaruri, go itsa go gotlhagotlhana. 

O gakolotse maloko go berekisanya sentle le go reetsa megopolo le dikgakololo tsa botlhe, a re go le gantsi, bagodi, ba na-le bogole le bana ba kgaphelwa kwa thoko.

O ba rotloditse go itshola ka boitshwaro jo bo letlelesegang a re go tlotla maloko le bogogi jwa motse, go botlhokwa. 

Rre Ketshogile o kopile maloko a komiti ya ditlhabolo tsa motse go ikgapha mo go senyetseng setshaba ka go dira jalo go busetsa metse kwa morago.

Go utswa le go itirisetsa dithoto tsa komiti a re ke tshenyetso setshaba e moeteledipele a tshwanetseng go ikgapha mo go yone. Mogolwane wa lephata la tsa boipelego, Rre Kagiso Seroke, o rotloeditse maloko go direla setshaba ka botswapelo a re ba seka ba nyema moko.

O ba kopile go ithuta go tshwara sephiri sa komiti, go itsa dikgotlhang mo metseng ka go anamisa dikgang tse e seng boammaruri go kgaoganya morafe. Rre Seroke a re ka nako e ntsi, morafe o nna o ngongorega ebile baeteledipele ba nna ka go kgobiwa ka mafoko, a kopa maloko go tlhokomologa tsotlhe tse di ka ba dielang nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Amantle Onneng

Location : LECHENG

Event : Phuthego ya dikomiti tsa ditlhabololo

Date : 27 Oct 2026