Letlhoko la ditsha le kokonela dikereke

26 Oct 2026

Dikereke tsa Thabala di boletse fa seemo sa letlhoko la ditsha tsa kereke se ba beile ka fa mosing ka jaana ba sa kgone go fitlhelela ditoro tsa bone tsa go gola. 

Ba buile se fa ba ne ba lekodisa Mopalamente wa Serowe Borwa Rre Leepetswe Lesedi mo phuthegong ya kgotla e a neng a e biditse go lekola dikereke kwa Thabala bosheng.

Fa a lekodisa Mopalamente, modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Thabala, Rre Obuile Bosena o ne a bolela fa go tlhoka go bewa ditsha ga dikereke go sa ba tshedise sentle ka jaana dikereke dingwe di felela di ipeile fela mme di palelwe ke go ka tlhabologa ka bakereki ba nna ba lebile tsela gore ba lephata la kabo ditsha ba tsile go tsaya lefatshe la bone.

A re dikereke di ntshitswe mo gare ga motse, mme tsa fiwa lefelo la nakwana kwa ntle ga motse, lebaka e le gore di tsosa modumo o o feteletseng. O ne a kgala se, a bolela fa e se lebaka le le nonofileng ka jaana, dibara di le mo gare ga motse mme e bile di le modumo go gaisa dikereke. 

Rre Bosena o ne a itela mo go Mopalamente gore go nne le phokotso ya dituelo tsa ditsha tsa dikereke ya ngwaga le ngwaga, a bolela fa dikereke di sena madi ka jaana di sa gwebe. 

O boletse gape fa dikereke di lela ka bothata jwa tiego e e nnang teng fa ba eletsa go reka ditsha tsa bonno go di fetolela mo ditsheng tsa kereke.

Fa a tswa la gagwe, Rre Lesedi o ne a lemotsha batsena-phuthego fa kabo ya ditsha e sala morago melawana e e beilweng ka fa molaong wa kabo ya ditsha. 

A bolela fa dikereke di tshwanetse go ikopela ditsha kwa go ba lephata la kabo ditsha jaaka baikopedi botlhe ba dira.

O tlhalositse fa go sekaseka dituelo tsa ditsha tsa kereke go ketefalela puso, ka jaana go bonala fa dikereke dingwe e le dikgwebo, e bile di tletse tsietso mo setshabeng.

O ne a kgothatsa dikereke go netefatsa gore ba dira di lekgetho  ka nako le go obamela melao yotlhe ya lefatshe go itsa go gotlhagotlhana le ba melao.

Rre Lesedi o kopile dikereke go nna le seabe mo go lekeng go lwantsha seemo se se kekelang sa dipolaano, dithubetso, le bogodu tse di busetsang lefatshe kwa morago.

Modulasetilo wa Serowe Sub-Land board, Rre Sefane Phuthego o tlhalositse fa kabo ya ditsha e tsamaisiwa ka moalo, a re go le gantsi, baikopedi ba kgona go ikopela go bewa ba re go na le lefatshe mo gare ga motse, mme e re go kanokwa go fitlhelwe e se lefatshe le le ka abiwang ka le diretswe go katologanya dijarata le dikgwebo.

Rre Phuthego o ne a sedimosetsa phuthego gore go diega go duela madi a ngwaga le ngwaga a setsha ke gone go bakang sekoloto se dikereke di tshabelelwang ke go lela ka sone. O ne a kgothatsa dikereke go sala melao ya peo ditsha morago go itsa go gotlhagotlhana le ba molao. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Keamogetse Setilo

Location : Thabala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Oct 2026