Breaking News

Ba Kopong ba tshwere pitso ya go upa bobodu mo motseng wa bone

22 Oct 2026

M etse e mo tikologong ya toropokgolo ya Gaborone jaaka Kopong, e gola ka lebelo le le kwa godimo, selo se se pateletsang banni go itepatepanya le dikgwetlho tse di tlang le diphetogo tse.

Le fa ditlhabololo di le molemo mo go tokafatseng matshelo a batho, sebe sa phiri ke gore dingwe tsa tsone di na le dibelebejane, ka jalo banni ba motse wa Kopong ba itemogela koketsego ya borukuthi le botlhokatsebe.

Ka maiteko a go lwantsha dikgwetlho tse, banni ba Kopong ba eteletswe pele ke makgotlana a twantsho borukuthi le ofisi ya sepodise ba ne ba tshwara pitso ya borre bosheng ka setlhogo se se reng, “Go Aga Motse Wa Rona O Nang Le Pabalesego.” 

Morafe o ne wa dira se go tsibogela botlhoka tsebe jo bo sa ba bontsheng boroko. 

E re ka gotwe pota ka koo re bolaye tswere morafe o ne wa bona gore kopano ke Maatla, ka jalo ba seka ba ipona tsapa go tla go ngunguna maele a go fetola legae la bone kanana yo renang ka kagiso le thokgamo.

Mogolwane wa ofisi ya sepodise kwa  Kopong, Rre Thuto Sesebeng a re ba tshwaraganye le dikomiti tsa twantsho borukuthi go tsibosa morafe ka botlhokwa jwa go tshwaraganela go lwantsha borukuthi mo motseng.

Rre Sesebeng o supile gore mengwe ya melato e tshwenyang ke tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ya bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boroba bobedi. 

A re ba setse ba gatisitse dikgwetsi di le thataro monongwaga. 

Rre Sesebeng a re se se tshwenyang ke gore bontsi jwa bana ba dirisiwa botlhaswa ke batho ba ba itsiweng e ka nna masika, ditsala kgotsa baagisanyi. 

A re ditlamorago tsa molato e, ke tsa sennela ruri jaaka boimana, go tsenwa ke mogare wa HIV kgotsa malwetsi a dikobo, kana go wela tlase mo dithutong ga ngwana.

O gateletse gore maikaelelo a pitso e, ke go rotloetsa batsadi go rwala boikarabelo jwa go kgalema ka gore melato e diragalela mo ponong ya bone le gone go ikuela le go ruta bana go ikgapha mo go tlhakaneleng dikobo ba sa le bannye.

A re go gweba ka bana ke sengwe sa tse di dirang gore batsadi ba palelwe ke go kgalema a gabile gore modira molato o tsisa sengwe mo lwapeng. 

Ba ne gape ba bua ka borukutlhi jo bo akaretsang dikiteo, bogodu jwa go phamolela batho dithoto jo gantsi bo diragalang kwa maitisong kana gope kwa batho ba kokoanang teng.

Fa a soboka dipalo tsa bogodu o supile fa bogodu jo bo di gogang kwa pele ele jwa go utswa megala ya motlakase, dimithara le dipompo tsa metsi. 

Le fa go ntse jalo, Rre Sesebeng a re o tlhatswiwa pelo ke go bona banni ba Kopong ba tsibogela maiteko a go lwantsha borukuthi.

Moeteledipele wa lekgotla la twantsho borukuthi, Mme Neo Mosime, a re o dumela gore golo gongwe ba fapogile tsamaiso mo go ageng bana ba basetsanyana ka gore ba tshabelelwa ke go nna mmamphorwana, maatlhamela babolai.

A re bomme ba gwetlha gore bana ba godisediwe mo tumelong.A re bontsi jwa batsadi fa ba ya dikerekeng batlogela bana kwa malwapeng, mo go rayang gore nako e ba tlogetseeng ba le nosi ke yone e ba ba fang sebaka sa go dira tse di duleng mo tseleng.

“Se sengwe gape ke gore re tla ya kwa go Kgosi go mo kopa gore a ntshe majalwa a a seng ka fa molaong mo malwapeng a rona,” ga bua Mme Mosime.

O gateletse gape gore bomme ba itlamile gore ga ba kitla ba tsholola dikgang fa ba ketikilwe ke borre ka gore seo se rotloetsa kgokgontsho ya bong.

Ba ne gape ba dumalana go emisa go tlhola ba neela bana ba sekole madi ka ke one a ba rotloetsang go reka ditagi.

Bahumagadi ba motse le bone ba ile ba laa bomme go nna sekao mo baneng ba basetsana ka go ba ruta ditiro tsa setso le go ba ruta maitsholo a eletsegang mo mothong wa mme. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Kopong

Event : Pitso ya borre le bomme

Date : 22 Oct 2026