Breaking News

Lefelo la itloso bodutu la Hatlhogang Trust le bulelwa baajanala

22 Oct 2026

Lefelo la itloso bodutu la Hatlhogang Trust kwa Mmathethe, le gaufi le go  amogela bajanala.

Lefelo leo le simolotse go rua diphologolo tsa naga ngogola ka kgwedi ya Phukwi, mme go supagala fa jaanong le itshetlela ka jaana go setse fela gore e re mo nakong e e sa fediseng pelo le bulelwe bao ba ba ratang go jesa matlho monate ka diphologolo. 

Mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa nakwana Rre Carthage Batsalelwang o supile fa diphologolo tseo tsedi setseng di feditse ngwaga, di simolotse go ikoketsa/ata.

Diphologolo tse di akaratsang diphala, dikukama, diphofu le bo ntshe (ostriches) di lebega di setse di tlwaetse mafulo ka jaana di setse di simolotse go tsala.

Rre Batsalelwang a re ntswa go sule kukama, phofu le phala ka bongwe ka bonwe nako e di neng di goroga, go lebega jaanong tse di teng di setse di tlwaetse bonno jwa tsone.

“Phofu e nngwe e ne ya kgona go bona phatlha fa kgorong nako e di neng ditla ka di ne di folosiwa bosigo mme ka bo madimabe ya seka ya tlhola e bowa”, ga buwa jalo rre Batsalelwang.

A re dingaka tsa diphologolo di supile fa ba belaela gore di katswa di babaletswe ke mosepele le dikgobalo nako e di neng di pegiwa.

Modulasetilo o supile fa maikaelelo magolo a bone e le go tlhamela bana ba Mmathethe ditiro fa lefelo leo le simolola go bereka.

O tlhalositse fa seo se tla a thusa thata ka le morafe o tlaa simolola go bona boleng jwa lefelo leo, selo se a  dumelang se tlaa dira gore mongwe le mongwe e nne modisa wa diphologolo tseo.

Rre Batsalelwang a re nngwe ya dikgwetlho tse ba nang le tsone ke gore ba santse ba sena komiti ya tlhomamo, mme a re tsholofelo ke gore e re mo nakong e e sa fediseng pelo a bo ba setse ba feditse ka molao motheo wa trust eo le gone go tlhopha komiti.

A re go tlhoka komiti ke gone go diyang ditsamaiso tsa go bulela morafe dikgoro tsa lefelo leo.

 O supile fa gape go santse go na le bangwe mo motseng ba ba santseng ba ise ba dumele gore a lefelo leo ke la morafe, selo se a reng se dira gore le fa go biditswa bokopano morafe o seka wa tla ka dipalo tse di nametsang.

“Re solofela fa e tla a re mo isagong re bo re kgona go amogela bana ba dikolo batla go ithuta le go bona diphologolo tse ka gore mo kgaolong ya rona ga diyo”, ga bua jalo Rre Batsalelwang.

A re ba mo thulaganyong ya go aga dikamore tse go ka tshwarelwang bokopano teng, matlwana a boitiketso, lefelo la go apeela le fa morafe oka neng o lala teng kgotsa Camp site.

A re mo nakong eno babereki ba ba ko lefelong leo ba duelwa ka fa tlase ga lephata la Ikageng, mme keletso ke gore ba nne le babereki ba se nnela ruri ba ba tlaabong ba duelwa ka madi a a tswang mo lefelong leo.

“Rena le ditoro tsa go atolosa lefelo ka gore diphologolo le tsone di simolotse go ikoketsa”.

O supile fa ba setse ba phuntse sediba, mme se setse sele mo tirisong.

Mopalamente wa kgaolo eo Dr Edwin Dikoloti o akgotse morafe wa Mmathethe go dumalana go simolodisa lefelo leo, a re le tlaa thusa motse wa bone le e e mabapi le tsa bojanala.

O supile fa morafe o tlaa emisa go ne o ya kgakala go ya go batla mafelo a itloso bodutu.

Dr Dikoloti o ne a gakolola gape gore nako e gorogile ya gore ba ikopanye le mafelo a mofuta oo a a tshwanang le la dikammela la Tsabong, mme ba tsee malebela gore bone ba kgona jang go tsamaisa lefelo leo ka thelelo go sena makgwere ape.

O ba rotloeditse gape go ikopanye le ba lephata la diphologolo mme ba sekaseke gore a baka seke ba kgone go tsenya dikammela ko lifelong la Hatlhogang.

A re ere ka jaana kammela e palangwa, seo seka oketsa itloso bodutu e e tlaa bong e le koo, ga mmogo le gone go oketsa letseno. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Mmathethe

Event : Potsolotso

Date : 22 Oct 2026