Kgosi Moremi o bolotsa letsema
21 Oct 2026
Mothusa Kgosi ya Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o boloditse letsema ka go rotloetsa balemi kwa kgaolong ya Bokone Bophirima go lema ka botswapelo le go dirisana mmogo go oketsa thobo le gone go tokafatsa matshelo a malwapa.
Kgosi Moremi o buile se kwa pitsong ya letsema kwa kgotla kgolo ya Maun bosheng, go diragatsa ngwao ya Batawana ya go isa dipeo kwa kgotleng go rapelela paka ya temo, go rotloetsa balemi le go nonotsha mowa wa tirisano mmogo.
Fa a bua mo boemong jwa ga Kgosikgolo ya Batawana, Kgosi Moremi o tlhalositse fa letsema e le ngwao ya bogologolo e e botlhokwa mo ditsong tsa Batawana, e e ntseng e dirwa ngwaga le ngwaga kwa kgotleng.
O boletse fa mo nakong e e fetileng, dikgotlana le kgotla kgolo di ne di tshwara tiro e ka Mosupologo ka nako ya borataro mo mosong, fa go atamela paka ya go simolola go lema.
Kgosi Moremi o kopile balemi go netefatsa gore masimo a bone a ageletswe sentle go sireletsa dijwalo mo diphologolong tse di ka di senyang, a tlhalosa fa tshireletsego ya masimo e le botlhokwa mo go fitlheleleng thobo e e siameng.
“Fa masimo a ageletswe sentle tshenyo ya dikgomo le diphologolo tsa naga e kgona go nna kwa tlase ka jalo balemi ba tshwanelwa ke go baakanya masimo a bone,” Kgosi Moremi a tlhalosa.
A re go botlhokwa go tsosolosa mokgwa wa bogologolo wa go thusana ka nako ya temo temo, go akaretsa go adimana didirisiwa, a re tirisano mmogo e, e ka thusa balemi go fitlhelela maikaelelo a bone le go oketsa thobo.
Kgosi Moremi o tlhalositse fa temo e na le seabe se segolo mo go tokafatseng itsholelo ya malwapa, ka e thusa go tlamela malwapa ka dijo le go a fa tshono ya go rekisa tse di setseng go bona letseno.
O gateletse botlhokwa jwa go tsweledisa letsema go ya pele e le ngwao e e rotloetsang banni go tsaya temo tsia le go dira mmogo go fitlhelela go nna le thobo e e nametsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaolethoo Kgatitswe
Location : Maun
Event : Pitso ya letsema
Date : 21 Oct 2026




