Moithuti wa pele o namola sekole
21 Oct 2026
Moithuti wa pele wa sekole sa Tsabong Unified Secondary School, Rre Emmanuel Setshogela (38) wa Tsabong o tsentse letsogo mo go tokafatseng maduo ka go busetsa mo tirisong difafole tse di senyegileng kwa sekoleng seo.
Mo puisanong bosheng, Rre Setshogela yo o feditseng mophato wa boraro ka ngwaga wa 2002 kwa sekoleng seo, o ne a tlhalosa fa a ne a gwetlhiwa ke go bona baithuti ba TUSS ba tlhaelelwa ke didirisiwa kwa sekoleng bogolo jang ditafole le ditilo tse e leng tsone gape ba di dirisang ka nako ya ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro le wa botlhano.
Rre Setshogela o boletse fa a ne a buisana le bogogi le boeteledipele jwa sekole go thusa ka fa a ka kgonang ka teng a lebeletse lebaka la gore baithuti ba kwale ditlhatlhobo tsa makgaola-kgang a bo a setse a simolotse tiro ya paakanyo ya ditafole.
O boletse fa ipeetse seelo sa gore a baakanye ditafole tsa baithuti di le lekgolo mme mo nakong eno a setse a fetile sephatlo sa palo eo, selo se se mo itumedisang thata.
Rre Setshogela o ne a tswelela ka go tlhalosa fa a ne a ithuta thuto ya Design &Technology fa a sa ntse a tsena kwa sekoleng seo, ka jalo boithaopo jwa gagwe e le tsela ya go busetsa botsipa jo a bo anyile ka thuto eo gape e le tsela nngwe ya go rotloetsa le go tokafatsa maduo.
Rre Setshogela o ne a tlhalosa fa ba tsweletse ka go tlhaba mokgosi kwa dikhamphaneng tse di ikemetseng mme mo nakong eno go setse go itshupile ba Tyre Services kwa Tsabong ka go thusa ka pente gore ditafole tseo di nne mo seemong se se kgatlhisang morago ga dipaakanyo.
Mogolwane wa barutabana go tswa kwa sekoleng sa TUSS, Rre Ditiro Orekelwang o ne a bolela fa morago ga gore difafole le ditilo di senyege go na le kwa ba kokoanyetsang teng kwa Rre Setshogela a di boneng teng mme a gwetlhega go thusa.
Rre Orekelwang o lebogile baithaopi ka tiro e ntle e ba e dirang mme a kgothatsa ba-tsaya karolo botlhe, morafe le setshaba ka kakaretso go ba ema nokeng ka fa ba ka kgonang ka teng ka seo se ka thusa go tsisa pharaloganyo kwa sekoleng le go tokafatsa maduo go ya pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Puisano
Date : 21 Oct 2026





