Breaking News

Koketsego ya dipolao e a tshwenya

21 Oct 2026

Mapodisi a Werda mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa a tlhalosa fa dikgang tsa dipolao di sa ba jese diwelang. 

Motshwarelela mookamela mapodisi a Werda Assistant Superintendent Kobamelo Ramarea, o supile fa ba setse ba gatisitse dikang tse tharo monongwaga.

O buile se, mo potsolosong ka Labobedi, morago ga gore mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo wa Werda a bolailwe ke mokapelo wa gagwe ka Mosupologo kgwedI eno e le lesome le boferabongwe.

Ass. Supt Ramarea a re ba begetswe tiragalo eo mo mosong wa Mosupologo mme ba ragorela teng kwa ba fitlhetseng mosadi a rapaletse fa kgorong ya jarata nngwe kwa Werda.

O tlhalositse gore  mapodisi ba ne ba ragosetsa mme yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse.

Motshwarelela mookamela mapodisi a Werda o  tlhalositse fa serepa se le mo setsidifatsing kwa kokelong ya  Tsabong mme mo bogaufing se tlaa romelwa kwa Princess Marina Hospital kwa Gaborone go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka, fa ditlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.

Ass. Supt Ramarea o ne a tlhalosa fa e ne ya re morago ga tiragalo eo selalome seo sa inaya naga mme mapodisi le setshaba ba tshwaragana go mmatla, mme ba felela ba mo tshwere, a supa fa a tlaa itshupa fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata kwa Tsabong go arabela molato wa polao.

O boletse fa mmelaelwa a le dingwaga tse di masome a mararo.  Go ya ka ditlhotlhomiso tsa mapodisi e ne ya re ka letsatsi la Tshipi kgwedi eno e le lesome le boferabobedi, mmelaelwa a emelela go tswa kwa masimong a Phuthuhudu gaufi le Jwaneng go ya phitlhong kwa Werda.

Ass Sup Ramarea o ne a tswelela ka go tlhalosa fa monna yoo a ne a lala kwa lolwapeng le le gaufi le fa mokapelo wa gagwe a theogelang teng mo semausung mme ya re a feta phakela a ya tirong a mo kgomogela a mo tlhasela ka go mo itaya ka tshipi mo tlhogong, mme a wela mo kgorong ya jarata kwa a berekelang teng.

Motshwarelela mookamela mapodisi o boletse fa bobedi joo e ne e le baratani mme moswi a tlholega kwa Werda fa wa Rre ene a tlholega kwa Khakhea kwa kgaolong ya Ngwaketse.

Mabapi le tiragalo eo, Ass. Supt Ramarea o ne a gakolola bogolo jang banana ka e le bone ba amegang mo dikgannyeng tseo go amogela fa lorato lo fedile le gore fa ba na le tlhoka kutlwisisano ba kope dithuso mo go ba ba maleba ba akaretsa dikgosi le dikgosana, ba boipelego, mapodisi, baruti, batsadi le ditsala tsa bone ka molemo wa kgang e le go buiwa go na le go tsaya ditshwetso tse di felelang di baka dintsho.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Potsolotso

Date : 21 Oct 2026