Lobatse o tlaa tshegetsa Bandleng Cultural Festival
20 Oct 2026
Lobatse o tlaa tshwara moletlo oo bidiwang Bandleng Cultural Festival o maikaelelo a one e leng go tsosolosa ditso tsa toropo eo le go e ipelela.
Morulaganyi wa moletlo oo, Rre Bakang Motswedi, yo o baakanyetsang go tshwarwa ga moletlo ka tshwaragano le modiri wa seromamowa sa RB2 Rre Poloko Boitshepo yo o itsegeng ka DJ Polyester, yo gape a leng mona-le-bogole, ba tla tshwara moletlo oo Phalane a le 24 kwa Lobatse Town Park.
Rre Motswedi a re maikaelelo a moletlo oo ke go lemoga Lobatse jaaka toropo ya ntlha ya Botswana le go tlotlomatsa letlotlo la ditso kwa toropong eo.
O tlhalositse fa moletlo o tlaa bo o tshwarwa e le lekgetho la ntlha mo ditsong tsa Lobatse ka go se kile ga tshegediwa moletlo ope wa ngwao koo.
Mo godimo ga moo, maikaelelo ke go tshwarwe moletlo oo ngwaga le ngwaga fela jaaka kwa mafelong a mangwe.
A re dipoelo tsa moletlo oo di tlaa abelwa makalana a bopelotlhomogi jaaka a a dirang le bana-le-bogole.
Rre Motswedi o kaile fa moletlo o o tlaa ungwela banni ba Lobatse ba akaretsa bagwebi ka jaana ba tlaa nna le sebaka sa go reka metlaagana ya go rekisa dilo tse di farologanyeng jaaka dijo.
A re ba dipalamo tsa setshaba ba toropo eo le bone ba tlaa kgona go oba letsogo ka ba tlaa ba bo tsamaisa banni ba Lobatse le baeng go ya le go boa kwa Lobatse Town Park.
Mo go tse dingwe o boletse gore moletlo o tlaa ngoka badiragatsi ka go farologana ba akaretsa Dj Mawee, Chomza, Ashley Gops, DJ Obza, DJ Polyesrter, DJ Hambira, Rhyme Killa, Mouza BW le ba bangwe ba akaretsa ba mmino wa setso.
Rre Motswedi a e re ka jaana go tlaa bo go kgabilwe ka leteisi, bagwebi ba ba segang diaparo ba tlaa nna le sebaka sa go supa tiro ya bone jaaka ba tlaa bo ba apesa ba ba supang diaparo gone kwa moletlong oo.
Moletlo oo wa Bandleng Cultural Festival o tlaa tshegediwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘#Bathong! A go kgabiweng.’BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 20 Oct 2026



