Breaking News

Morafe o kopa koketso ya ditlamelo le tshidilo maikutlo

20 Oct 2026

Ga go ise go tlhomamisiwe fa dintsho tsa batho ba le babedi kwa Kgomokasitwa di bakilwe ke mogare wa Salmonella o o fitlhetsweng mo dijong tse di neng di jewa ke morafe ka letsatsi la boipuso. 

Mokwaledi wa khansele ya Moshupa, Rre Edwin Pheko, o buile se, jaaka a ne a lekodisa morafe  bosheng tebang le dipatlisiso tse di dirilweng morago ga gore banni ba kubugelwe ke bolwetse ka letsatsi la boipuso, mogare oo o fitlhetswe mo dijong tse di neng di jewa ke morafe ka letsatsi leo ga mmogo le mo mantleng a bangwe ba ba di jeleng.   

Le fa go ntse jalo, a re ga go ise go tlhomamisiwe gore a batho ba le babedi ba ba tlhokafetseng ba latlhegetswe ke matshelo ka ntlha ya salmonella ka jaana go tlhomamisa seo go tlhoka boitsaanape jo bo kwa godimo. 

Fa a sedimosetsa morafe ka mogare wa Salmonella, Rre Mpaphi Mbulawa yo a leng mothusa-mokwaledi wa khansele ya Moshupa a lebagane le tsa botsogo jwa setshaba o ne a tlhalosa fa mogare oo o le borai mo botsogong jwa batho ka o kgona go gapa matshelo. 

Rre Mbulawa a re mogare oo o ka itshupa mo mothong yo o nnileng le kamano le one mo dioureng tse thataro go ya kwa malatsing a marataro fa mo bathong ba bangwe o sa itshupe ka tsela epe fela le mororo o le teng o tshela.

O kopile banni go boela kwa kokelong fa ba sa tokafale, a ba tlhomamisetsa fa khansele e okeditse bodiredi ka mooki a le mongwe le ngaka, seo e le maiteko a go thusa bosigo le motshegare go busetsa seemo mo taolong. Fa morafe o itela morago ga pego o kopile puso go tlhokomela go oketsa bodiredi le ditlamelo kwa kokelwaneng go emelana le ditlamorago tsa leroborobo le le apesitseng motse kobo ka letshoba. 

Bangwe ba kaile fa ba santse ba itemogela dikai di akaretsa go tsholola, go remega ditokololo, go kgwa, go sitwa ga mmogo le go palelelwa ga bangwe kwa dipateleng.  

Le mororo morafe o begetswe se se bakileng go tlhoka botsogo, bangwe banni ba ngongoregetse maduo a ditlhatlhobo ba supa fa a sa kgotsofatse.

Rre Gabantese Force o kopile gore dipatlisiso di tseye theko ya dithoto motlhala go latedisa gore dijo jaaka merogo di ne di lemilwe kae le seemo sa bophepa sa marekisetso a di rekilweng kwa go one.

Kgosi Tshetlha Radimpa ene o ne a kopa gore fa go nale ope yo o ka tswang a itse sepe fela mabapi le go tlhagoga ga seemo a lome mapodisi kana bogogi jwa motse tsebe. 

O kopile morafe wa Kgomokasitwa gore mo khutsafalong e e ba aparetseng ba nne keletlhoko kgatlhanong le go gogomosana maikutlo kgotsa go supana ka menwana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : KGOMOKASITWA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Oct 2026