Breaking News

Mogolwane o tsibosa ka bodiphatsa jwa ditlou

20 Oct 2026

E re ka jaana nako ya go bapala Mogorogorwane e gorogile, banni ba Mmashoro ba rotloeditswe go nna kelotlhoko mabapi le ditlou tse di sailang mo tikologong ya motse wa bone. 

Tsiboso e, e dirilwe ke ba lephata la diphologolo le makgabisa-naga, ba ba tlhaloseditseng morafe bosheng fa ditlou di bonala mo mafelong a mogorogorwane o leng mo go one ka le tsone di rata leungo leo bobe.

Ba rotloeditse morafe go tlhaloganya borai jwa tlou le diphologolo tse dingwe tsa naga, ba re ba tshwanetse ba tlhomamisa gore ga ba iphitlhele ba le mo diphatseng fa ba ile go bapala mogorogorwane.

Mogolwane go tswa kwa lephateng leo Mme Bonolo Montsheng o ba kgotlhaditse go  tsamaya ka segopa fa ba ya go bapala leungo leo.

Go sale foo, Mme Montsheng o kgadile go bolawa ga diphologolo tse di sireleditsweng, a supa fa go gola ga dipolao tsa diphologolo tse go tshwenya.  

A re setshaba se tshwanetse sa lemoga fa lengwe la mabaka a go sirelediwa ga tsone e le go thibela go nyelela ga tsone ka jaana letsalo la tsone le le kwa tlase. 

O boletse fa malatsi ano kgaga e utswiwa thata mo dikgaolong tse di farologanyeng tsa lefatshe leno, a re batho ba le mmalwa ba setse ba tshwerwe ka nama le letlalo tsa phologolo eo.

Mo kgannyeng e nngwe, o kopile gape gore balemi-barui ba emise mokgwa wa go tsenyetsa diphologolo tse di ba senyeditseng botlhole, a re go dira jalo go borai thata e bile ke molato. 

A re go thaisa diphologolo tsa naga le gone ga go letlelelwe. 

Mme Montsheng boletse gape fa madi a phimolo-keledi fa phogolo e sentse a ise a sekasekwe.

Molemi kwa morakeng wa Thupana gaufi le Mmashoro, Rre Tshweu Ralekwalo, o boletse fa go le bokete go tshela le diphologolo dingwe tsa naga ka di le borai mo bathong le mo leruong la bone.

Rre Ralekwalo a re serapa sa ditlou se saila kwa merakeng ya bone le kwa masimo mme ditlou tseo di kgaola diterata e bile di onatsa mahudiso a bone. A re dibatana di tshwana le matlhalerwa le bophiri le tsone di tsenya tlala mo malwapeng ka di bolaya leruo la bone bosigo le motshegare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MMASHORO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Oct 2026