Breaking News

Mmusi o rotloetsa banni go lwantsha borukhutlhi

19 Oct 2026

Mopalamente wa Gabane/Mmankgodi, Rre Kagiso Mmusi, o rotloeditse banni ba Mokolodi go dirisana le baeteledipele ba motse le puso, go tsweledisa ditlhabololo le go lwantsha borukutlhi.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mokolodi, Rre Mmusi o boletse fa tiro ya go aga ditsela le thulaganyo ya tiro ya go bopa ditena kwa motseng e tsweletse.

A re go atlega ga ditlhabololo tsa motse go ikaegile ka tirisano magareng ga banni, boeteledipele jwa motse le puso.

Morafe o etsisitswe gape gore kgotla ya Mokolodi e tlhatlositswe maemo, mme jaanong e tlaa simolola go sekisa le go dira ditiro tse dingwe tse di tlwaelesegileng jaaka kwa dikgotleng tse dingwe. 

Rre Mmusi o rotloeditse banni go tsenelela diphuthegong tsa kgotla, go supa matshwenyego a bone le go dirisana mmogo go batla ditharabololo tse di ka thusang go tlisa ditlhabololo kwa Mokolodi.

Mooki mogolo wa kokelwana ya Lesirane, Mme Onalenna Tshipayagae, o tlhalositse dikgwetlho tse kokelwana e lebaganeng le tsone jaaka tlhaelo ya ditirelo tsa malwetse a a tshelanwang le tlhaelo ya Tsabana.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa seemo se tokafetse morago ga go goroga ga dijo tsa bana tse disha.

Mo go tsa temothuo, mokenti mo lephateng la temothuo, Mme Malebogo Mosokwane, o kopile balemi-barui go kwadisa masaka a bone go thusa mo taolong ya malwetse le mo ditirong tsa tlhabololo ya temothuo.

O tlhagisitse gore dikgato tsa go thibela bolwetse jwa tlhako le molomo di sa ntse di tsweletse kwa kgaolong, a rotloetsa beng ba leruo go sala morago ditaelo tsa thibelo ya bolwetse.

Baagi bone, ba ntshitse matshwenyego ka go oketsega ga borukutlhi, segolobogolo bogodu jwa kopore le megala ya motlakase.

Go begilwe dikgetse di ka nna masome a matlhano, tsa bogodu jwa megala mo motseng, selo se se kgoreletsang motlakase, maranyane le ditirelo tsa setshaba.

O rotloeditse baagi go nna le seabe mo diphuthegong tsa kgotla, go supa matshwenyego a bone le go dirisana mmogo go batla ditharabololo tse di ka thusang go tlisa ditlhabololo kwa Mokolodi. BOPA

Source : BOPA

Author : PHODISO RANKWE

Location : Mmokolodi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Oct 2026