Breaking News

Dirisang polase ya morafe-Kedikilwe

19 Oct 2026

Mopalamente wa Serowe Bophirima, Rre Onalepelo Kedikilwe o rotloeditse banni ba Mmmashoro go dirisa polase ya bone ya morafe go lema. 

Mopalamente Kedikilwe o ntshitse thotloetso eo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. 

O tlhalositse fa go dirisa polase eo, go ka thusa go leka go tlhama ditiro gammogo le go itirela dijo. Rre Kedikilwe o ne gape a lekodisa banni a ka melao e e fetisitsweng kwa palamenteng e e fetileng le go tsaya megopolo le go utlwa matshwenyego a bone.

O tlhalositse fa puso e dumalane go ntsha madi a dikgaolo tsa mapalamente a ditlhabololo Constituency Community Projects (CCP) mo bogautshwaneng mme a ba rotloetsa go tla go dira temo ya go lema mabele mo polaseng ya bone fa madi ao a goroga.

A re se sengwe se ba ka se dirang kwa polaseng eo ke go shafatsa terata ya yone le go epa sediba mo go yone ka madi ao a CCP, mme a kopa morafe wa Mmashoro go ikitaya ka thupana ka gore gompieno puso e santse e nale kgwetlho ya tlhaelo ya madi go ka ba isetsa ditlhabololo le go ba hira mme ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao go itirela mo motseng wa bone.

Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba amogetse tsholofetso ya gore madi a dikgaolo tsa bopalamente a tla tswa mo bogaufing, ba bolela fa ba sale ba tsentse dikopo mo nakong e e fetileng gore ba thusiwe ka fa tlase ga lenaneo la madi ao.

Ba dumalane le gore polase e tlhabololwe e tle e ba solegele molemo mo motseng wa bone. Ba kaile fa ditsatlholego le matlotlo a tlholego mo motseng wa bone le one a ka ba solegela molemo fa ba ka a tlhokomela.

Modulasetilo wa komiti ya Mmashoro Trust Rre Montsho Jang, o boletse fa ba batla gore ditlou tse di sailang mo kgaolong ya bone di ba senyetsa ba nne le tletla ya go gweba ka tsone mo mohameng wa bojanala.

Kgosi ya motse, Kgosi Opelo Disang o boletse fa ba dumalana le tshwetso ya puso ya go golola madi a a neng a ntse a tswa a dikgaolo tsa bopalamente, mme a ngongorega ka ditlhaelo dingwe jaaka letlhoko la boroko ja badirelapuso le letlhoko la koloi ya sepodise.

O boletse fa botlhokatsebe bo le bontsi mo motseng mme mapodise a tlhaela, e bile gape ba sena sepalamo go latela dirukutlhi.

Kgosi Disang o ba boleletse ka melawana e mesha ya makgotla a Setswana gore jaanong bangongoregi ba lopiwa go duela madi a go kwadisa ditsheko kwa kgotleng. A re madi a go kwadisa tsheko ke P50 fa go isediwa dikwalo tsa piletso tsheko kwa go yo go ngongoregwang ka ene e le P100.

Kgosi Disang o tlhalositse fa ba ba senang madi a go kwadisa kwa kgotleng e e sekisang ba ka isa dikuelo tsa bone kwa dikgosing tsa tetlanyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Oct 2026