Mahalapye O Ipelela Letsatsi la White Cane
19 Oct 2026
Kgaolo ya Mahalapye e ipeletse letsatsi la mafatshe fatshe la White Cane Safety Day, ka Labone kwa Mahalapye.
Modulasitilo wa khansele ya Mahalapye, Rre Outule Segolame, o tlhalositse fa letsatsi le, le ipelelwa ngwaga le ngwaga, Phalane a le lesome le botlhano.
Rre Segolame a re thobane e tshweu ya batlhoka pono, e botlhokwa ka e ba thusa go tsamaya ba le nosi mme fa go nang le dikgoreletsi, e ba lemotshe.
O supile fa batlhoka pono ba tshwanetse ba kgona go tshela ba ikemetse.
A re thobane e gape, e lemotsha setshaba gore motho yo o e dirisang ke motlhoka pono, e bile o na le tshwanelo ya go tsamaya a babalesegile, a phuthologile.
Rre Segolame a re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go dirisa mafelo a morafe jaaka dikole, lefelo la tiro le a mangwe, ntle le go sokola a bo a kopa bakgweetsi ba dikoloi le badirisi ba bangwe ba tsela, go nna pelotelele le batlhoka pono.
A re gape go elwe tlhoko gore bodilo jo bo mo thoko ga tsela, bo babalesegile gore batlhoka pono ba tsamaye go sena dikgoreletsi mme le dipalamo tsa setshaba di rekegele letlhoko la bone.
Rre Segolame a re le fa go ipelelwa letsatsi la go ikemela ga batho ba ba dirisang thobane e tshweu, a re setshaba se gakologelwa botlhokwa jwa go sireletsa matlho, go thibela bofofu.
A re go tlhatlhoba matlho gangwe le gape go ka thusa go tshwara bolwetse ka nako, ka jalo a kgothatsa setshaba go sa ikgatholosa diphetogo tse ba di lemogang ka matlho a bone.
O tlhalositse fa batlhoka pono ba tshwanetse ba reediwa fa go tsewa ditshwetso tse di amang matshelo a bone, ka ba itse dikgwetlho le letlhoko la bone thata.
Modulasitilo wa Botswana Association of the Blind and Partially Sighted (BABPS), Rre David Ranto, a re botlhoka pono ga bo reye gore motho ga a na bokgoni, ditiro le maikaelelo a go dira botshelo.
Rre Ranto a re motho le fa a sa bone ka matlho, ga go reye gore ga a kgone go akanyetsa botshelo, mme ba kgona go nna se ba se eletsang mo botshelong.
A re mokgatlho wa BABPS o ruta batlhoka pono ka dilo tse di amang matshelo a bone, gammogo le dithuto tsa tiriso maranyane le go ba sedila maikutlo. Rre Ranto a re ba sireletsa batlhoka pono ka go nefatsa gore ditshwanelo tsa bone ga di tsoululwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : White Cane Safety Day
Date : 19 Oct 2026




