Go tswara dijo sentle go botlhokwa
15 Oct 2026
Letsatsi fela morago ga go keteka moletlo wa boipuso kwa kgotleng, morafe kwa Kgomokasitwa o ne wa itemogela go sa tsoga sentle mo go bakileng gore dipalo tsa batho ba ka tshwara makgolo a mabedi le masome a supa ba iponatse kwa kokelwaneng.
Mo potsolotsong le BOPA, Mokwaledi Mogolo wa khansele ya Moshupa Rre Edwin Pheko, o tlhalositse fa go belaesega gore seemo se se wetseng motse wa Kgomokasitwa sa botsogo se ka tswa se bakilwe ke mokgwa wa go tshwarwa ga dijo.
A re go leka go batla tharabololo ya seemo se, go ne ga dirwa diteko tsa mehuta e le mebedi; e leng tlhatlhobo ya mantle le ya dingwe dijo tse di neng tsa jewa kwa Kgotleng ka letsatsi la boipuso.
“Dipatlisiso tsa mantle di supile fa go na le kgotlelesego ya dijo e e bakiwang ke mogare wa Salmonella,” ga tlhalosa Rre Pheko.
A re Salmonella ke mogare o o ka fitlhelwang mo mantleng ka jaana o tshela mo maleng a batho, diphologolo tsa naga le tsa mo gae.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa teko ya bobedi e ne ya dirwa mo masaleleng a dijo tse di neng tsa jewa ka letsatsi la boipuso.
A re maiteko a go batlisisa a ne a tswelela ka go sala morago motlhala wa merogo le kwa marekisetsong go batlisisa fa merogo eo e ka bo e ne e sa tshelwa melemo mme ga seka ga supega sepe. Rre Pheko a re seemo se ke sesupo sa gore go tshwarwa ga dijo go seka ga tsewa lolea.
A re go botlhokwa go sedimosetsa ba ba mo tirong ya go baakanya dijo le kapei ya tsone ka botlhokwa jwa go tsaya sebaka sa thuto le kgakololo ka bophepa le go tshwarwa ga dijo.
A re se se ka kgonagala ka jaana go na le badiri ba botsogo mo di kokelwaneng.
O tlhalositse fa ka maswabi go nnile le dintsho tse pedi tse go sa tlhomamisegeng fa di ka tswa di bakilwe ke Kgotlelesego eo ka jaana go tlhokega gore go dirwe tlhatlhobo go bona se se ka tswang se bakile dintsho tseo.
E ne ya re mo potsolotsong go le pele, Kgosi Tshetlha Radimpa a tlhalosa fa seemo se se ba makaditse thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kgomokasitwa
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2026






