Ba Zone 11 ba tlaa tlhaba - Dr Segale
15 Oct 2026
Mookamela lephata la matlhoko a leruo Dr Kobedi Segale a re e tlaare kgwedi eno e ise e fele, barui ba ba mo mafelong a a ntseng a thibetswe go ja nama le go gweba ka yone mo Zone 11, ba letlelelwe go tlhaba leruo la bone.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Phitshane Molopo ka Laboraro, Dr Segale o supile fa lephata la gagwe le ise le tshware dikai tsa bolwetse jwa thako le molomo fa e sale ka kgwedi ya Lwetse mo kgaolone eo.
A re seo ke sone se ba gwetlhileng go sekaseka ditsamaiso tse di ntseng di le teng tsa go laola bolwetse, go re barui jaanong ba simolole go akola leruo la bone. A re e re ka jaana ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa tlhako le molomo e ise e fele, go tlaa nna le ditsetlana tse barui ba tshwanetseng go di sala morago fa ba tlhaba kana ba rekisa.
Dr Segale a re maikaelelo ke go tlhola bolwetse la bofelo mo diruiweng mme e tlaare morago go nne le mokwalo o o supang gore kwa pele go iwa jang. O boleletse setshaba gore fa ba ka itlhokomolosa melawana e e tlaa bong e beilwe, puso e tlaa bowa gape e emisa go gweba ka leruo.
O tlhalositse fa morui a tlaa tlhaba kana a rekisetsa dintsho le manyalo fela fa diruiwa tsa gagwe di kentetswe bolwetse jwa tlhako le molomo mekento e meraro.
O tsweletse a supa gape gore diruiwa di tshwanetse gore di bo di kwadisitswe mo lenaneong le lesha la Baits 3 e bile di rwesitswe manyena.
Dr Segale a re go tlhoka go kenta ke molato, a supa fa barui bangwe ba ne ba gana go isa dikgomo kwa megotlheng nako ya go kentiwa.
O supile fa dikgomo tse di mo sekganeding sa bolwetse jwa tlhako le molomo, ke gore Containment Zone, di sa tshwanela go fudusiwa ka gore di ka tloga tsa isa bolwetsie kwa bo seong teng. A re kgaolo ya Zone 11 e tshwanetse go itse gore jaanong e tlile go tshela le mogare yo wa tlhako le molomo, a tlatsa ka gore gangwe le gape puso e tlaa nna e kentela mogare oo gore o seka wa boela gape.
E ne e rile fa a amogela baeng, Kgosi Odirile Sekwenyane wa Phitshane Molopo a supa fa bolwetsi jo bo apesitse barui kobo ka letshoba. O supile fa bo okeleditse barui lehuma ka jaanong basa kgone go iphema mathata ka thekiso ya leruo la bone.
Kgosi o ne a supa fa dikgwedi tsedi latelang e le tsa manyalo a mantsi mme setshaba se eletsa goja nama mo medirong.
O supile fa a tshwenngwa ke gore fa goka diegwa go rebolwa goja nama lego rekisa leruo, bangwe baka tloga ba raelesega mme ba felela ba anamisitse bolwetse ba re baa ikutswa. O boletse fa morafe wa gagwe o ntse o tshwere ka thata go obamela melawana le ditsamaiso tsa bolwetse joo, a supa fa ba setse ba agile terata e e kganelang leruo go tlolela kwa Afrika Borwa ya selekanyo sa dikhilomethara di le lesome le boroba bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Phitshane Molopo
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Oct 2026






