Breaking News

Basotho ba akgola puso ya Botswana

15 Oct 2026

Motshwaraganya ditirelo tsa palamente kwa Lesotho Rre Khosi Makubakube a re ba itumelela ka fa lefatshe la Botswana le tshwereng Basotho ka teng.

Fa a bua le BOPA kwa Tlhareseleele bosheng, kwa Basotho ba neng ba ipelela moletlo wa peo ya Kgosi ya bone, Kgosi Paul Letshikhoana, rre Makubakube o supile fa Basotho ba Tlhareseleele ba tlholega kwa Lesotho kwa motseng o o bidiwang Dikgwele.

A re ba gorogile mo Botswana ka nako ya dintwa tsa Difecane le ka dikgoberego tsa kwa Lesotho ka dingwaga tsa bo 1970 mme ba tshabela kwa mafelong a a farologaneng go fitlhela ba tla go goroga mo Botswana kwa ba ileng ba tshela ka kagiso le morafe wa Morolong. 

Dintwa tse e ne e le tsa go lwela lefatshe le mafelo a go gweba mme merafe e e neng e tshwaragane jaaka wa MaZulu e ne e kgona go gapa lefatshe le leruo la merafe e mengwe e e neng e sa itshegetsa sentle.

A re mo ngwageng o o fetileng, Kgosi Paul Letshikhoana le Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong ba ne ba etela Lesotho mme ba feta ba kopana le Kgosi Letsie III, ka maikaelelo a go bona gore Basotho ba Tlhareseleele ba ka tsosolosa jang ngwao ya bone le tirisanyo mmogo le Basotho ba kwa Lesotho.

Rre Makubakube a re loeto leo, le thusitse Basotho go ikgakologelwa le go tshwaragana ka jaana ba sa bolo go faladiwa ke dintwa tse go neng go lwelwa lefatshe le merafe e mengwe.

O supile fa mo ngwageng o o fetileng lefatshe la Lesotho le ne la tlisa molelo wa kgolagano mo Tlhareseleele mme seo sa tsosolosa mowa wa lerato le go gakologelwa kwa ba tswang teng.

“Kgosi Letshikhoana o supile fa tiro ya molelo wa kgolagano e tlaa ba thusa gape go gakologelwa dilo dingwe tsa ngwao ya Sesotho tse ba neng ba di lebetse,” ga bua jalo Rre Makubakube. 

O tsweletse a tlhalosa gore e ne yare bosheng mafatshe a Lesotho le Botswana ba nna le bokopano mme nngwe ya dintlha tse di neng tsa lebelelwa e ne e le go tsosolosa le tshomarelo ngwao.

Rre Makubakube o tlhalositse gape gore tirisanyo mmogo ya mafatshe oo mabedi e tswa kgakala, a supa fa Basotho ba ne ba tsena sekole kwa University of Botswana.

A re mo nakong ya gompieno mafatshe ao a mo thulaganyong ya go tsaa metsi kwa Lesotho baa tlisa mo Botswana. 

“Keletso ya rona ke gore mo isagong, go nne le ofisi ya tsa mafatshe a sele ya Lesotho mono ka gore Basotho ba ba nnang mo Botswana ga se ba Tlhareseleele fela, go na le ba bangwe kwa bokone jaaka kwa bo Nata,” rre Makubakube a tlhalosa. 

Fa a bua mo boemong jwa banni ba Tlhareseleele, Rre Mokgotli Mochotlwane o supile mo potsolotsong fa ba itumetse fela thata ka jaana e le lantlha ba bona kgosi ya Basotho e tlhongwa mo lefatsheng la Botswana. 

O supile fa tiro eo, e ba file serite ka go bo Kgosi Letsie III a bone go le botlhokwa gore a romele monnawe e bong Kgosi Seeiso Bereng Seeiso go tla go tlhoma Kgosi Letshikhoana go nna ene moeteledipele wa Basotho mo Botswana.

Rre Mochotlwane o supile fa tiro eo e tlaa netefatsa gore Basotho ba kgone go golagana ka fa tlase ga tsamaiso ya ga Kgosi Letshikhoana. 

“Se se raa gore Basotho botlhe ba ba mo Botswana kwa mafelong a a tshwanang le bo Selebi Phikwe, Nata, Kasane le Ghanzi ba ka fa tlase ga ga Kgosi Letshikhoana, le gone go ba thusa gore fa ba kopa sengwe kwa Lesotho e tlaa nna ene lentswe la bone gore dikopo tsa bone di goroge kwa go Kgosi Letsie III.

Rre Mochotlwane o supile fa Basotho ba gorogile mono Botswana ka go faladiwa ke dintwa le go tla ka tsa tiro, a tlhalosa fa mafatshe oo mabedi a ne ana le tirisanyo mmogo mo go tsa thuto, mme lefatshe la Lesotho gape le ne le ntsha barutabana gotla go bereka mono. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Tlhareseleele

Event : Potsolotso

Date : 15 Oct 2026