Manyeneng o akgola Dikhamphani
14 Oct 2026
Dikhamphani tse di ikemetseng di akgoletswe mowa wa bopelotlhomogi o di o supileng ka go thusa setshaba ka ditlamelo tsa botsogo ntle le tuelo.
Kakgolo e, e dirilwe ke mopalamemte wa kgaolo ya Mmopane/Metsimotlhabe, Mme Helen Manyeneng ka Mosupologo jaaka banni ba Mmopane ba ne ba thusiwa ka ditlamelo tsa go itlhatlhobela kankere ya lebele, magareng ga tse dingwe.
A re go botlhokwa go bona bagwebi ba ema ka dinao ba tshwaragane le puso go rotloetsa setshaba go lwantsha bolwetse jwa kankere ya lebele.
Mme Manyeneng a re sebe sa phiri ke gore le fa dikhamphani di kgathalela go thusa setshaba ka ditlamelo tsa botsogo, batho ba santse bo le maoto a tshupa go tla go akola ditlamelo tse.
“Ke selo se se molemo thata go bona dikhampahni di ema puso le setshaba nokeng mo go tsa botsogo segolo jang mo nakong e lefatshe le santseng le na le tlhaelo ya madi,” ga bua Mme Manyeneng.
A re fa morafe o sa tsibogela go tla go dirisa ditlamelo tsa botsogo tse ba di fiwang mahala, ba ba itlhaopang go dira jalo ba felela ba kgobega marapo.
A re setshaba se tshwanetse go tshela se tlhaloganya makoa a a ba tshwenyang jaaka sika loo-kankere, sukiri, madi a matona jalo jalo.
Mme Manyeneng a re gole gantsi batho ba ikgogela kwa kokelong bolwetse bo setse jaanong bo medile medi.
A re o dumela mo go re thibelo e gaisa kalafi, ka jalo a re o tshwenngwa ke ba ba santseng ba le boitseme go itse seemo sa botsogo jwa bone.
Mme Manyeneng a re go tlhoka go itlhatlhoba ke go ikarametsa moko wa talane ka fa bokoa bo itshupa bo setse bo keketse go nna bokete go bo lwantsha.
“Ka ntlha ya gore pele ke ne ke dira ke le mooki ke ka moo ke nnang ke tshwenyega thata gangwe le gape ka seemo sa botsogo jwa lona. Go botlhokwa gore le se tseye nako e ntsi le sa ye go itekodisa ba booki ka gore ga re itse gore mo teng ga mebele ya rona go diragalang,” ga bua Mme Manyeneng.
A re batho ba tshwanetse ba ele thoko dikai tse o filtlhelang ekare ga se tsa sepe jaaka tlhogo e opang, a re ke nngwe ya ditsela tse mmele o lekang go go tsibosa gore golo gongwe ga go tsamae sentle, ka jalo go tlhokana le ngaka go latedisa modi wa sekai se.
Mogolwane wa baoki kwa kokelwaneng ya Matlhaku Lekganyane, Mme Lesego Mmipi o kgothaditse setshaba go nna le thulaganyo e e tsepameng ya go tlhomamisa gore mo lebakeng le le rileng ba ya go bona ba bongaka go ba tlhatlhoba gore ba kgone go lepalepana le diphetogo dipe tse di ka kayang bolwetse jwa kankere bo ise bo topegele.
“Re le bomme a re itse mebele ya rona. A re tseye mebele ya rona tsia. Kgang e e teng ke gore se se diragalang mo mmeleng wa gago e a bo ele ngongorego ya mmele o go raya o re ga ke a tsoga.
Jaanong kgwedi e re mo go yone e, ke kgwedi ya go tsibogela kankere ya lebele ka jalo go rotloetswa thata gore re itlhatlhobe re itse seemo sa mabele a rona,” ga bua Mme Mmipi.
Mme Mmipi a re fa motho a itemogela phetogo o tshwanetse gore a bone ba bongaka ka ponyo ya leitlho, a gatelela gore kankere ga e setse e aname ga e alafesege mme fa e lemogilwe e ise e ntsifale e ka alafiwa mme motho wa go nna jalo a fole.
Mogolwane wa khamphani ya Diagnofirm, Rre Thami Nkombeledzi a re ba ikemiseditse go ema setshaba nokeng ka nako tsotlhe ka go nna ba ba tlisetsa ditlamelo tsa botsogo.
Moemedi wa ba Village Medical Centre, Mme Thapelo Letsholo a re dipatlisiso di supa gore kankere ya lebele e tshwarwa ka dipalo tse di kwa godimo mo go bomme mo Botswana go na le borre.
Ka jalo, a re bomme ba tsibogele dikai dipe tse di ka tlisang pelaelo ya kankere ya lebele. O gateletse botlhokwa jwa go tsaya ditlamelo tsa botsogo ka boamaruri le ka nako.
Mme Letsholo a re borre le bomme ba tshwanetse ba rotloetsane go itlhatlhobela malwetse a kankere ka go farologana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Mmopane
Event : Tlhatlhobo ya kankere
Date : 14 Oct 2026






