Therisano le neelano di botlhokwa mo go godiseng temo
14 Oct 2026
Temo ke nngwe ya ditsela tse di ka godisang itsholelo ya lefatshe le go tshetsa setshaba.
Ka jalo, thobo e e nametsang e ka bonala fela ka popagano, therisano le neelano. Se se builwe ke molemi e bile e le mogwebi, Rre Agisanyang Joseph, ka letsatsi la ipelelo thobo kwa motseng wa Thabala bosheng. Letsatsi leo le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: lentswe la molemi ke thobo.
Rre Joseph o ne a tlhalosa fa setlhogo se, se buisa tse di diragalang mo mererong ya temo. A lemotsha balemi fa go lema le go roba e se tsone fela tse di kayang fa motho e le molemi. A re go nna molemi go tlhoka motho yo o nyoretsweng thuto, a na le tirisano mmogo le go nna le boineelo le boitshoko.
Rre Joseph a re temo e dikgwetlho dintsi tse di tlhokang gore molemi a bo a na le boitshoko. A re nako tse dingwe, molemi o ka lema nme e re a solofetse go roba, a fitlhele diji di ikabile ka dijalo. Se, a re se tlhoka gore molemi a se kgobege marapo mme a netefatse gore o roba sepe fela se se setseng morago ga tshenyo ya diji.
O ne a tswelela ka go tlhalosetsa balemi bo-mosola jwa go inaakanya le balemisi, go anywa thuto mo go bone le balemi ba bangwe, go dirisana le baitseanape go tlhabolola temo ya bone. Se, Rre Joseph o boletse fa se ka thusa go isa thobo kwa godimo le go tlhofofaletsa balemi tiro ya go lema.
O ne a rotloetsa balemi go tsenelela dipitso tse di ba amang, a ba gakolola gore diphetogo tse di nametsang, tswelelopele, ditshutiso le melao kgotsa mananeo a tsa temo di ka nna le boleng fela fa balemi ba ka kuka lentswe ba neelana megopolo le babusi, baitseanape le balemisi. O tlhalositse fa go dira jalo go ka tlhofofatsa dipatlisiso tse di ka arabang mathata a a apereng balemi.
Fa a tswa la gagwe, molemi yo o gaisitseng botlhe ba ba lemileng mmidi o o mosweu wa setswana, Mme Ditsietsi Oremeng (53) o ne a bolela fa temo e le botshelo mo go ene.
A re o tsene mo temong ka maikaelelo a go itirela letseno, a tswelela ka gore e re le ntswa dikgwetlho tsa temo di le dintsi, boitshoko bo a busetsa.
Mme Oremeng o boletse fa diji di tshwana le dipeba di kgona go tlhasela dijwalo, go boe go nne le pula e e ntsi thata e e bakang gore dijwalo di bole mme dikgwetlho tse tsotlhe di batla molemi a na le maikaelelo a go roba sengwe mo go se a se jwadileng.
“Fa diemo di tla, re ikgolaganya le ba bolemisi le balemi ba bangwe mme re akantshane gore tharabololo ya mathata a a re apereng rotlhe e ka nna eng, re boe re itlame gore le fa go ka nna jang, mongwe le mongwe wa rona oa go roba sengwe” a tlhalosa.
O ne a rotloetsa balemi go inaakanya, go rekisa le go lema peo ya setswana e e ungwang e bile e kgona go emelana le dikgwetlho tsa tepoloapi tse di sa iketlang. O ne a tswelela ka go rotloetsa setshaba go lemela go rekisa, a gakolola fa lemme le sa latse ka tlala.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Abel Kgaboyarona wa Thabala o ne a leboga botlhe ba ba ileng go ipelela thobo, a re e re ntswa batho ba sa lekane, tiro e tshwana ya go lema le go roba e ama mongwe le mongwe.
Kgosi o rotloeditse tirisano mmogo magareng ga balemi le balemisi, a gatelela gore temo ga se go lema dijalo fela, mme ke go kgona go re pheletsong o robe se o ka se rekisetsang setshaba go kgona go itshetsa. ENDS
Source : BOPA
Author : Keamogetse Setilo
Location : Thabala
Event : Ipelelo thobo
Date : 14 Oct 2026







