Breaking News

Somarelang kalafi ya setso - Mathoothe

13 Oct 2026

Kalafi ya setso ke nngwe ya tse di ka bolokang matshelo le go tokafatsa botsogo jwa botlhe. Se se boletswe ke mothusa tona wa papadi le tlhabololo dikgwebo Rre Baratiwa Mathoothe fa a buisa morafe kwa Tshimoyapula ka Labotlhano. Bokopano jo e ne ele go ipelela letsatsi la segopotso sa kalafi ya setso mo Africa.

Rre Mathoothe o boletse fa kalafi ya setso e le karolo ya kitso le ngwao ya Batswana, a tswelela ka gore kitso eo e tshwanetse go tlhokomelwa, go batlisisiwa le go tlhabololwa gore e kgone go tswelela e thusa batho ka tsela e e bolokesegileng, e e nang le boleng e bile e tsamaisana le ditlhokego tsa botsogo jwa gompieno. 

O tsweletse ka go tlhalosa fa kalafi ya setso e ntse e dirisiwa ke ditshaba mo dingwageng di le dintsi, a kaya fa dingaka tsa setso di na le kitso e e fetisediwang go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe, segolo thata ka dimela, melemo ya setso le mekgwa e e farologaneng ya go tlhokomela batho ba ba lwalang. O boletse fa seo se dira gore, batho bangwe ba ikaege ka kalafi ya setso lebaka e le gore e bonwa motlhofo mo mafelong a ba nnang mo go one, e amana le ngwao ya bone kgotsa ba e tshepa. Rre Mathoothe o kaile fa go le botlhokwa gore kitso e, e seka ya latlhega.

O ne a tshwaela fa dipatlisiso e le tsone di ka thusang go tlhaloganya kalafi ya setso botoka, e bile di ka thusa go itse gore melemo e e dirisiwang mo kalafing ya setso e na le dikarolo dife, e ka thusa mo malwetseng afe, e tshwanetse go dirisiwa ka selekanyo se se kana kang, le gore e ka nna le ditlamorago dife mo botsogong jwa motho. A re go dira dipatlisiso go ka thusa go lemoga gore a go na le melemo ya setso e e ka dirisanang le kalafi ya segompieno, kgotsa e e ka bakang mathata fa e dirisiwa mmogo, se e le go netefatsa pabalesego ya bao ba e dirisang.

Fa a tswelela, rre Mathoothe o ne a bolela fa go le botlhokwa go tlhabololo kalafi ya setso le go e tokafatsa ka go dirisa Maranyane le dipatlisiso. O tshwaetse fa go le botlhokwa gore dingaka tsa setso, puso, badiri ba botsogo le baitseanape ba dirisanye mmogo gore kitso ya setso e kopanngwe le kitso ya sekgoa ka tsela e e nang le mosola mo setshabeng. O gateletse gore go botlhokwa gore go nne le neelano le tomagano magareng ga dingaka tsa setso le bongaka jwa sekgoa.

O ne a tswelela ka go re, go tshwanetse ga sireletswa kitso ya setso gore e se ka ya nyelela, a bolela fa bagolo le dingaka tsa setso ba tshwanetse go rotloediwa go fetisetsa kitso e e siameng kwa kokomaneng e e tlang. A re, babatlisisi le bone ba tshwanetse go dirisana le beng ba kitso ka tlotlo, ka boikanyego le ka go ba fa sebaka sa go nna karolo ya dipatlisiso, le go netefatsa gore dingaka di nna le seabe mo ditshwetsong dipe tse di tsewang mabapi le kalafi ya setso. 

O tlhalositse fa bokamoso jwa kalafi ya setso bo ikaegile thata ka gore go dirwa eng ka jone mo nakong ya gompieno, a re go kopanya kitso ya bagologolo le patlisiso ya sesha, go ka nna le sebaka sa go bona kalafi ya setso e e tlhaloganngwang botoka, e e nang le boleng mme e dirisiwa ka pabalesego.

Rre Mathoothe o rotloeditse setshaba gore se tshwanetse go nna le pono ya gore botsogo ke boikarabelo jwa botlhe, le gore, ga go a tshwanela go nna le kgaogano magareng ga kalafi ya setso le kalafi ya segogompieno ka maikaelelo e le go sireletsa botshelo le go tokafatsa botsogo jwa batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Setilo

Location : Tshimoyapula

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Oct 2026