Breaking News

Lelwapa ke thito mo kgodisong ya ngwana

13 Oct 2026

Go nna tlhogo ya lelwapa go tlhoka boitshoko le boikarabelo.

Ka jalo, moeteledipele wa BOFABONETHA gape e le moruti wa kereke ya UCCSA, Reverend Mpho Moruakgomo a re borre ke ditlhogo tsa malwapa, ka jalo, ba tshwanetse go tsaya dilo ka tlhwaafalo gore motheo wa malwapa o nitlame.

Rre Moruakgomo o buile jalo ka Matlhatso kwa pitsong ya borre le bana ba basimane e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Motswasele kwa Molepolole.

“A borre ba bontshe basimane tsela mme ba dire se ka go dira tse di ba agang,” ga bua moruti Moruakgomo.

O tlhalositse gore malwapa a a senang borre kgotsa ba le teng mme a sa diragatsa maikarabelo a bone, go rwesa bomme mokgweleo wa go rarabolola matshwenyego otlhe jaaka go tlamela lelwapa le go aga bana, segolo bogolo ba basimane ba ba tlhokang kaedi ya ga rre.

Moruti Moruakgomo a re go a tshwenya go bona malwapa a a eteletsweng pele ke bomme a oketsega, ka jalo palo ya bana ba ba tlhokang kgodiso ya borre e ntsifala.

“Go ntsifala ga go tlhoka go nna teng ga ga rre mo kgodisong ya ngwana wa mosimane ke one modi wa setho se se sa eletsegeng se se bonwang mo bontsing jwa basimane,” ga bua morutu Moruakgomo.

Pitso e, e ne e ikaegile ka setlhogo se se reng: Go bua phatlhalatsa dikgang tse di bayang borre le basimane ka fa mosing wa botsogo le botlhoka tsebe. 

Moruti Moruakgomo a re mo dingwageng tsa segompieno dikgang tsa bomme ba ba tlogelwang ke borre ka bana di atile a gatelela gore selo se ke sone se bakang gore bontsi jwa bana ba basimane ba tshele ka setho se se fatlhang ka ntlha ya go tlhoka rre yo o ka bong a ba ruta gore motho wa rre o tshwanetse a tshela jang mo lapeng le mo setshabeng.

“Borra, Lelwapa le a itshokelwa. A bana ba rutiwe maikarabelo ba sale babona gore ba gole sentle ba setse morago dikgakololo tsa batsadi,” ga tlhalosa moruti  Moruakgomo. 

O tlhalositse fa borre bangwe ba metlha eno ba sa tlhaloganye gore go direla mokapelo kgotsa go mo fa dimpho e le go supa lerato le botsalano jo bontle. 

A re go dira jalo ga se go jewa mo ereng fa botsalano bo fela monna a tlale ka tshakgalo mo a betsang kgotsa ba feletsa ba bolaya.

“Botsalano ke selo sa botlhokwa se se supiwang ke motho ka lerato a abaela yo mongwe dimpho. Ke maswabi go utlwa fa pego tsa ba sepodise tsa malatsi a Boipuso di supa gore borukutlhi jwa dipolaano tsa baratani jaanong bo di goga kwa pele,” ga tlhalosa moruti Moruakgomo.

A re keletso ya gagwe ke gore puso e dire molao o o tla tlamang gore pele fa batho ba tsena mo lenyalong ba tsenelele dithutintsho tsa go tlhaloganya botshelo jwa lenyalo.

O kopile gape baruti go ruta mo go tseneletseng ka lenyalo go yeng ka molao wa Modimo.

O tsweletse a re sengwe se se tshwenyang ke gore batsadi ba ithotse boikarabelo jwa go aga le go godisa ngwana, ka jaana e fetogile bontlha bongwe jwa tiro ya barutabana kwa dikoleng. 

“Sekole ga se lefelo le le godisang ngwana. Sekole ke kwa ngwana a rutintshiwang ka matlhale ya go itshetsa, kitso ya tiro le go tlhaloganya boranyane,” ga bua moruti Moruakgomo.

A re sengwe sa tse di tshwenyang ke gore kereke le yone ga e dire go lekanye go bopa motho. O ile a supa baruti ka monwana a re ga ba dire go lekanye go aga setshaba.

Ga reng ga dikgang tse dingwe, pitso e ne gape ya ama dikgang tsa tlhoka botsogo jwa manyalo, segolo jang borre mo gantsi go feletsang go ama botsalano le dikgang tsa tlhakanelo dikobo.

Bontsi jwa batla-pitsong ba kaile fa borre bangwe ba kgokgontsha ka mabaka a gore ga ba kgone go kgotsofatsa bomme fa ba tlhakanela dikobo ka mabaka a makoa jaaka malwetsi a dikobo, sukiri, madi a matona, go imelwa ke mabaka a itshetso kana poulelo.

Mogolwane wa sepodise sa Molepolole, Mme Marea Mothogaesi a re bomme bangwe ba bua thata, gape ba sa tlhophele borre mafoko le go gogobisa serite sa bone ka go tlotlela ditsala ka go tlhoka go tsoga sentle ga ga rre mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi go supilwe e le lengwe la mabaka a a dirang gore borre  ba palelwe ke boikarabelo jwa bone ka botlalo mo malwapeng go akaretsa go palelwa le go tlamela lelwapa le gone go kgotsofatsa mokapleo mo go tsa tlhakanelo dikobo, seemo se se tlhotlheletsang kgokgontsho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Pitso ya borre

Date : 13 Oct 2026